Breaking News

Ditswa- temong di abelwa batlhoki le mekgatlho

23 Feb 2026

Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o lebogetse morafe wa Bakhurutshe go abela batlhoki bontlha bongwe jwa thobo e ba neng ba e phuthile ngogola. 

Fa a bua kwa phuthegong ya go aba di-tswa-thobong kwa Tonota ka Labotlhano, Kgosi Radipitse a re tshwaragano ya morafe mo go kgobokanyeng thobo go supa maikaelelo a go lwantsha tlala ga mmogo le lehuma go thusa ba ba dikobo dikhutshwane le batlhoki ka go farologana. 

O ne a iteela morafe legofi a tlhalosa fa sejo sennye se sa fete molomo, ka jaana go aba ditswa thobong tse di akaretsang mabele le mmidi di tlaa sologela ba ba abetsweng mosola. Kgosi Radipitse o ne a kaya fa morafe o o bopaganeng e bile o kgona go lemoga letlhoko la ba bangwe o supa kgatelo pele le mowa wa bo-ja-mmogo. 

“Le morafe yo o nang le bokgoni, morafe o ikemelang e bile o kgona go ijesa. Morafe o o kutlwebotlhoko. Se se supa fa le le morafe o o nang le thata, nonofo, le bokgoni,” Kgosi Radipitse a tlhalosa. 

Kgosi Radipitse o ne a rotloetsa morafe go tswelela ka go tlhokomela tema e ba e lemileng gore e tle e re mo nakong e e tlang ba tlisa thobo, go kgona gore ba tsweledise mowa wa bo-jo-mmogo le kutlwelo botlhoko. 

E rile fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la borre ba Bakhurutshe, Rre Botho Ntirang, a bolela fa di-tswa-thobong tse di sale di simolotse go abiwa go lebeletswe letlhoko, a tlatsa ka gore sekolo sa Shashe River se abetswe dikgetsana tsa mabele di le lesome tsa 10kg le di le lesome tsa setampa tsa 5kg, mme fa kokelwana ya Masedi e filwe dikgetsana di le lesome le botlhano tsa 10kg ya boupi jwa mabele. 

O ne a tlhalosa gape fa borre ba ba ileng go lwantsha bolwetse jwa Tlhako le Molomo ka go tsosa terata ba ne ba abelwa dikgetsana di le masome a ferabongwe le bongwe tsa 5kg ya setampa. Rre Ntirang o ne a tswelela a kaya fa dikgetsana di le masome a ferabongwe le borataro (96) tsa mabele le di le masome a ferabongwe le borataro (96) tsa setampa, di tla a abelwa mekgatlho. 

O ne a tlhalosa fa ba berekile le ba Phofu Milling ka go sila le go paka thobo ga mmogo le kompone ya Mills e e ntshitseng madi a a kanang ka dikete di le boferabobedi (P8,000) gore thobo e isiwe kwa tshilong. Rre Ntirang o ne a lebogela Komiti ya Thobo ya ngwaga o o fetileng ka tiro ya go kgobokanya thobo, mme a rotloetsa morafe gore ngwaga ono ba tswelele gape ka temo ka jaana e le mosola thata. 

Fa a bua mo potsolotsong, modulasetilo wa mekgatlho e e abetsweng, Mme Khabe Olaotse, a re tiro e e dirilwe go lebilwe mabaka a seemo sa botshelo jwa batho jo bo sa lekaneng. 

A re e ne e rile ngogola kgosi a ntsha letsema, a ba kopa morafe go ya go dira dijo mme ba tsise boremo jwa mogoma kwa kgotleng, gore e tle ere ka moso go abelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka bagodi, ba-na-le bogole, kana batlhoki ka go farologana. BOPA

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Tonota

Event : Moletlo

Date : 23 Feb 2026