Phimolo keledi ga se tuelo
19 Feb 2026
Mogolwane wa bakenti kwa Molepolole, Rre Kelebile Mmutsi, o tlhaloseditse barui ba baneng ba ngongoregela phimolo keledi ya P700 e morui a e newang ke puso fa kgomo ya gagwe e bolailwe, go thibela kanamo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo gore madi ao, ga se tuelo.
O kaile se ka Mosupologo, kwa kgotleng kgolo ya Bakwena kwa Molepolole, fa a ne a tlhalosetsa banni ba Molepolole le metse e e mabapi ka letsholo la go kokonya madi go lwantsha tlhako le molomo.
Barui bangwe ba ne ba botsa gore ke eng puso e sa duele morui yo o bolaetsweng kgomo madi a a lekanang le tlhotlhwa ya kgomo.
Rre Mmutsi o tlhalositse gore phimolo keledi e abo e le gore morui a seka a sala a iphotlhere morago ga go latlhegelwa ke leruo.
O lemositse setshaba borai jwa go tlhoka go obamela melawana ya go thibela bolwetsi, a tlhalosa gore kgomo e e kentilweng e raya gore kgaolo jaanong e dule mo maemong a yone a go babalesega mo bolwetsing jwa tlhako le molomo (green zone) mme jaanong e le mo gotweng, red zone, ke gore kgaolo e amegileng.
Ka jalo dikgomo tse di tswang mo kgaolong ya mofuta oo, ga di sa tlhola di ka rekisa nama kwa BMC.
Rre Mmutsi o ne a araba morui yo o neng a botsa gore mokento wa tlhako le molomo o fodisa bolwetsi kgotsa o a bo thibela mme a re, fa e le gore o a bo thibela, ke eng puso e sa kente dikgomo tsotlhe.
A re mokento o kokobetsa mogare gore o seka wa galefa mo o ka anamang ka lebelo le le kwa godimo, a tlatsa ka gore mogare wa tlhako le molomo ga se yo o folang, fa o tsene seruiwa tshwetso ke gore se fofodiwe go itsa go tloga se anamisetsa mogare kwa leruong ka bontsi.
Bolwetsi jo, bo tsena leruo le diphologolo tsa sika loo-tlhako e maphata jaaka kgomo, podi, kolobe, nku jalo jalo mme bo lemogiwa mo seruiweng ka go tsurutla mathe mo ganong, dintho mo ganong le mo ditlhakong tsa kgomo le go tlhotsa.
O kopile setshaba gore ba seka ba fitlha dikgomo tsa bone tse ba belaelang fa di kile tsa amana le tse di nang le mogare kgotsa tsa tsena mo thoteng e e nang le o ne.
Rre Mmutsi o gwetlhile barui gore ba bege leruo leo ka bonako gore le fofodiwe e bile leruo lotlhe le go belaelwang le ne le amane le seruiwa seo le lone le a bolaiwa ntleng le go senya nako.
A re leruo fa le sena go bolaiwa le a fisiwa le bo le katelwa gore bolwetsi bo seka jwa ama tlhaga kgotsa lefelo leo.
Modulasetilo wa lekgotla la Kweneng Beef Farmers Association, Rre Mogakolodi Raborokgwe a re barui ba tshwanetse ba lemoge gore tlhako le molomo go motlhofo gore e anamisiwe ke motsamao wa batho fa ba ka gata fa go amilweng ke seruiwa se se nang le bolwetsi.
A re borai jwa teng ke gore motho o kgona go gata matlhasedi a bolwetsi kwa dikgaolong tse bo setseng bo tlhagogile teng, a bo a ya kwa dikgaolong tse di senang mogare mme e re a gata tlhaga, kgomo e bo e ka tsaya bolwetsi mo tlhageng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keetile Bontsibokae
Location : Molepolole
Event : Kgotla meeting
Date : 19 Feb 2026




