Ba marekisetso a nama ba gomagometsa go kgaola babereki
19 Feb 2026
Ba supile fa ba setse ba balelwa ke go duela babereki mme go rekisa nama go eme.
Rre Ishmael Mokgethi, yo a nang le madirelo a a nang le marekisetso a nama, a re fa puso e ka seke ya ba thusa mo mading a P97 million a a seegetsweng fa thoko go lwantsha tlhako le molomo, go ya go nna bokete gore ba ka tswelela ba duela babereki.
O tlhalositse fa a na le babereki ba le babedi ba ba direlang mo marekisetsong a nama jaanong ka nama e sa tlhole e le teng, o bone gore e re kgwedi e e tlang e simologa a ba seegele fa thoko go fitlhelela seemo se tokafala.
A re mo nakong ya gompieno, o ba duela ka madi a gagwe e seng a kgwebo mme se, se a mo kokonela e bile se ama kgwebo e nngwe ya gagwe.
O kopile puso go ba thusa ka se se ka sireletsang dikgwebo le ditiro tsa Batswana.
Rre Moseki Mathodi yo le ene a nang le marekisetso a nama, o kopile gore badiredi ba lephata la matlhoko a leruo ba ba tlhalosetse ka botlalo methale e ba e dirileng go thibela go anama ga bolwetsi le gore ba solofela gore batlaabo ba kgonne go bo lwantsha mo nakong e kae.
A re se, se ka ba thusa go rerisana le gore ba ba dirisanang nabo jaaka beng ba madirelo a ba a hirisitseng. Rre Mathodi a re fa e sa le go emisiwa go tlhabiwa ga dikgomo ga a na letseno mme o tshwanetse go duela lefelo le a le hirisitseng.
Fa ba matlhoko a leruo ba ka sedimosa gore seemo sa bolwetsi se lebege se ka tokafala mo nakong e kae, go ka re thusa go ithulaganya le ba re hirisitseng mo go bone le go sireletsa ditiro tsa babereki, Rre Mathodi a tlhalosa.
A re le fa go supilwe mo tekodisong bosheng fa dikgaolo tse dingwe go buletswe gore dikgomo di ka tlhabiwa, go ya go nna turu mo go bone go ya go tsaya nama teng.
Kgaolo e e gaufi ke Letlhakane mme go ya teng go ya go batla madi a mantsi.
Modiri mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Batsho Mabechu, a re go kentiwa ga leruo go ntse go dirwa, ba setse ba emetse go tla go boelela gape morago ga malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi.
A re ba tsweletse ka go tlhatlhoba kwa dikgaolong tsotlhe tse di amegileng go rurifatsa gore ga gona matlhasedi a masha a ba tshwanetseng go a tsibogela.
Rre Mabechu o kopile barui go dirisana sentle le badiri ba ba tlang kwa masakeng a bone go tla go tlhatlhoba leruo.
Molaodi wa Tutume, Mme Tlotego Rampha, o kopile gore mongwe le mongwe kwa kgaolong e nne matlho a puso, go loma tsebe ba ba tshwanetseng fa ba bona sengwe se se fatlhang.
A re fa botlhe ba ka sala tsamaiso morago, seemo se ka boela mannong mo nakong e e seng kgakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Mazonga
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 19 Feb 2026




