Baithuti ba ba-na-le bogole ba tlhoka thotloetso
19 Feb 2026
Ba dirile se bosheng mo Mahalapye morago ga bokopano jwa bone jwa malatsi a mararo jo bo tshwarwang ngwaga le ngwaga go sekaseka gore ba tsamaya jang mo tirong ya bone.
Fa a rola dimpho tseo Mookamela dikgolegelo tsa Botswana, Rre Anthony Mokento, o tlhalositse fa tiro ya bone ese go disa magolegwa fela, a supa fa ba na le thulaganyo ya go thusa sechaba segolo jang ba ba tlhokileng lesego.
A re ba tlhophile sekole seo ka jaana ba ne ba lemoga fa se na le letlhoko le lentsi ka go bona bana ba ba-na-le bogole ba tlhoka ditlamelo tse di faphegileng.
Rre Mokento a re mowa o wa kutlwelobotlhoko le lerato ke moono o Batswana ba itsegeng ka one.
A re go thusa baba tlhokileng lesego ga se gore motho o go dira ka gobo a na le gole gontsi ke sesupo sa lerato le bopelotlhomogi.
Rre Mokento a re o dumela gore bana baka dira botoka fa ba bona ba fiwa lerato e bile ba engwa nokeng mo dikgwetlhong tsa bone.
Rre Mokento a re bana ba ba-na-le-bogole ba tlhoka go lemogiwa ba tshwana fela le bana ba bangwe ka dinonofo e bile ba lekana le bone ka ditshwanelo.
O tlhalositse gore fa bana ba ka itemoga gore ba na le bokgoni ba tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo basa itiewe ke sepe tsebe.
A re fa ba tsaya dithuto tsa bone tsia ba ka tsoga ba le maemong a a kwa godimo jaaka motho mongwe le mongwe.
Motshwarelela mogokgo wa sekole seo Mme Maipelo Monyatse o supile fa lekalana la ba-na-le-bogole le simologile ka ngwaga wa 2007, le tsaya bana ba ba-na-le-bogole ba Mahalapye le metse e mabapi.
Mme Monyatse a re lefa gontse jalo lekalana le ga lena ditlamelo tse di tsamaelanang le diemo tsa ba-na-le bogole.
Mme Monyatse a re ba na le bana ba ba-na-le bogole bale 59, basimane bale 37, basetsana bale 22 a supa fa ba itemogela matshwenyego a tlhaelo ya barutabana le sepalano.
A re bana le koloi e le nngwefela ee tsayang bana botlhe mo Mahalapye le metse ee mabapi a tlhalosa gore ke seemo se se dirang gore nako e bana ba rutwang ka yone e ne khutshwane thata.
O ne a kopa bagolwane ba dikgolegelo gore ba ba rekele koloi ya bobedi.
Fa a amogela dimpho mogolwane wa lephata la bana ba ba-na-le bogole Mme Bolokang Passman o ne a lebogela dimpho, a re di tlaa ba thusa thata, a tlhalosa gore bana ba rutwa le ditiro tsa diatla jaaka go lema, go roka le tse dingwe.
Mme Passman a re dithuto tsa ditiro tsa diatla ke tsone tse ba dikgonang thata ebile dika ba betlela bokamoso.
O boletse fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa selo sese dirang gore tiro ya bone e nne bokete.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mahalapye Bokone Rre Emanuele Saakane o ne a lebogela ba dikgolegelo tiro entle e ba e dirileng.
Rre Saakane a re ga ba ipona tsapa mo nakong e thata ya leshekere la madi ba ntsha ga bofelo ba thusa lekalana la ba-na-le bogole la sekole sa Mahalapye, a kopa gore botsalano joo bo tswelelepele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Mahalapye
Event : Kabo dimpho
Date : 19 Feb 2026




