Tona o kopa banni go ilela dikgang tsa bogosi
18 Feb 2026
Tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa, o kopile banni ba Mogobewakgomo go ela tlhoko dikgang tsa motse wa bone ka di ka ba kgaoganya.
O buile mafoko a kwa motseng oo ka Mosupologo, kwa a neng a ile go buisana le banni mabapi le dikgang tsa motse wa bone tsa bogosi.
E ne e rile gole pele a amogela baeng, Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong, a supa fa Mogobewakgomo osa robalelwa ke ditlhokwa mabapi le kgang tsa bogosi.
O supile fa e rile ka ngwaga wa 2022, Kgosi Kopano Maseng wa motse oo, a tlhokafala mme fa e sale ka nako eo, go ise go nne le thitibalo.
Kgosi Lotlaamoreng II are o ne a kopa morafe gore ba ithulaganya ka leina la moemedi wa bone, kwa pheletsong ba mo fa leina la ga Rre John Sebetlela.
A re o hakgamaditswe ke modumo o o neng wa tsoga morago, le ntswa go ne go dumalanwe.
Kgosi Lotlaamoreng II o boleletse Tona gore kgang eo etswa go felela kwa kgotla tshekelo e tla ka taelo ya gore Rre Sebetlela a seegelwe ha thoko mo tirong.
Bangwe ba ne ba supa fa tlhopho ya ga Rre Sebetlela e sa tsamaya sentle mme ka jalo ba sa mo lemoge jaaka moeteledipele wa bone.
Fa atswa la gagwe, Tona Motshegwa o supile fa a tshwenngwa ke dikgang tsa bogosi tse lephata le iphitlhelang le di rarabolola ka bonsti.
A re seo, sea hakgamatsa ka Bogosi Act e supa tsamaiso ya go tlhoma kgosi, a supa gore fa kgosi e se ya matsalo, go na le ditsamaiso tse di salwang morago tsa go tlhopha.
O kopile morafe gore ba tshwanetse go sisela seemo seo, are fa ba sa dire jalo, go na le kgonagalo ya go re morafe o kgaogane.
Tona o kopile Kgosikgolo go bitsa phuthego ya botlhe go tla go tlhopha kgosi, mme a re seo, se tshwanetse go direlwa mo kgotleng morafe o le teng.
“Ke kopa gore letswe mo makgamung mme le tlhophe motho yo o tlaa kgonang go kopanya morafe”, ga buwa jalo Rre Motshegwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Mogobewakgomo
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 18 Feb 2026




