Breaking News

Mokwaledi wa ga Tautona o kgothatsa bodiredi

17 Feb 2026

Puso e na le maitlamo a e a ipeileng pele go tlhomamisa gore Batswana ba bona ditirelo tsa maemo a a kwa godimo.

Mafoko a a builwe ke mokwaledi wa  ga Tautona Mme Emmah Peloetletse jaaka a ne a buisa badirela puso ba dikgaolo tsa Selebi Phikwe,Bobonong le mafelo a a mabapi kwa Selebi Phikwe.

 Mme Peloetlese o kaile fa puso e tshwere ka thata go tswala diphatlha tsotlhe tse di bakang gore go nne le tiego mo go isiweng ga ditlamelo kwa setshabeng.

 A re gore se se kgonagale go tlhoka gore bodirelapuso bo tshwaragane le puso gore e fitlhelele maitlamo a yone.

Le fa go ntse jalo, Mma Peloetletse o tlhalositse fa puso e itse ka go tlhaela ga ditlamelo le di dirisiwa mo maphateng ka kakaretso mme a kgotlhatsa gore setshaba se tswelele se thusiwa ka bonnye jo bo leng teng.

O ne a re go tlhaela ga ditlamelo ga go a tshwanela go nna sekgoreletsi gore batho ba thusiwe mme a kgotlhatsa bodiredi go leka ka thata go thusa setshaba ka fa ba ka kgonang ka teng go na le gore ba boe ba sa bona thuso.

Mme Peloetletse o tlhalositse fa tshenyetso setshaba e e kwa godimo e le yone e e dirileng gore lefatshe le bo le le mo leshekereng la itsholelo mme a tlhalosa fa se se dirwa ke bangwe ba badirelapuso ka go tlhoka go tsamaisa dilo sentle.

O ne a tlhalosa gape fa puso e le mo letsholong la go batla bagwebi ba ba nang le madi go tla go bula dikgwebo mo lefatsheng, se e le tsela nngwe ya go tlhama ditiro le go tsosolosa itsholelo ya lefatshe.

Mme Peloetletse o tlhalositse fa bagwebi ba ba tlaabong ba neetswe sebaka sa go ka tlhama dikgwebo mono e le ba ba tlaabong ba sekasekilwe pele ba neelwa sebaka go itsa dikgang tsa gore lefatshe le bo le ka iphithela le le mo mathateng.

O ne a re ba tshwanetse go nna podi matseba gore ba seka ba iphitlhela ba akareditswe mo mafatsheng a a kaiwang a sa saleng ditsamaiso le tiriso ya madi morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Phuthego ya badirelapuso

Date : 17 Feb 2026