Bagwebi ba tlaa aga ditsha di le 19 344 ka lenaneo la Bonno
17 Feb 2026
Ditsha tsotlhe tse di abetsweng bagwebi ba ba ikemetseng mo lenaneong la Bonno di dikete tse di lesome le boferabongwe, makgolo a mararo, masome a mane le metso e mene (19 344).
Se se builwe ke mothusa tona wa lephata la Metsi le Bonno, Rre Motsamai Motsamai, a araba potso ya palamente, e mo go yone, Mopalamente wa Gamalete, Rre Boniface Mabeo a neng a batla go itse palo tsotlhe tsa bagwebi ba ba ikemetseng ba ba thapilweng ka fa tlase ga lenaneo la Bonno.
Rre Motsamai o supile fa kabo ditsha e, e le bontlha bongwe jwa maikaelelo a puso a gore dikgwebo tse di ikemetseng di nne le seabe le go fefosa kago ya matlo a lenaneo la Bonno.
A re palo e ga e a ema golo gole gongwe fela, ka jaana bagwebi ba etla ba ikgogela morago kgotsa ba palelwa ke go kgona ditumalano tse di beilweng, selo se a supileng fa se baka gore ba boele kwa morago.
Le fa gontse jalo, o supile fa lephata Metsi le Bonno le tsweletse pele ka go abela bagwebi ba basha ba ba kanokilweng, go netefatsa gore lenaneo le tswelela pele.
O supile fa khamphane e e abetsweng lefatshe go aga matlo a lenaneo la Bonno kwa Ramotswa e le GAP Infrastructure Corporation.
A re le fa go ntse jalo, lephata la Metsi le Bonno le ne la tlamega go boela morago tshwetso ya lone ka khamphane eo e ne e sa kgona go diragatsa ditumalano tse e neng e di beilwe pele ka mokwalo.
“Ke netefatsa fa lefatshe le le abetsweng lenaneo la Bonno kwa Ramotswa le santse le le teng, mme ebile thulaganyo e tsweletse go batla khamphane e e ka abelwang lefatshe le go tsweledisa lenaneo,” a supa.
Rre Motsamai o supile fa lephata la Metsi le Bonno, mo boemong jwa puso e le lone le abetsweng lefatshe ka fa tlase ga lenaneo la Bonno.
“Go netefatsa gore theko ya matlo a Bonno ga a turele Batswana, ga mmogo le go tsaya taolo, lephata le hirisetsa bagwebi ba ba atlegileng lefatshe mme ba sa duele sepe,” a tlhalosa.
Ka jalo, a re bagwebi ba tshwanetse go tlhabolola lefatshe le go rekisa matlo a a fedileng ba sa tsenye madi a lefatshe mo tlhatlhweng ya ntlo, a tlatsa ka gore ba ba rekang matlo ba duela kago fela le tse dingwe go sena madi a lefatshe mo teng.
“Ka tsamaiso e ga gona tshekatsheko ya tlhatlhwa ya lefatshe e e dirwang ka e se bontlha bongwe jwa lenaneo,” a tlatsa.
Mopalamente Mabeo o ne a kopile mothusa tona go bua leina la khamphane e e abetsweng go aga matlo ka lenaneo la Bonno kwa Ramotswa, le go itse gore khamphane eo e abetswe ditsha di le kae.
O ne gape a kopile mothusa tona go supa palo ya ditsha tsotlhe tse di abetsweng bagwebi botlhe ba ba ikemetseng mo lenaneong la Bonno, le go tlhalosa tlhwatlwa ya lefatshe le le abetswang magwebi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Parliament
Date : 17 Feb 2026





