Dikereke di tshwanetse go dirisana mmogo
16 Feb 2026
Le fa dikereke di farologana ka tsamaiso, di tshwanetse go bereka le go dirisana mmogo.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa kgaolong ya Serowe, Moruti Karabo Koosimile, o rotloeditse se kwa thuto-puisanong ya malatsi a mabedi e e neng e rulaganyeditswe baruti ba direke tse di farologaneng kwa kgaolong ya Serowe.
Moruti Koosimile o boletse fa dikereke dingwe di itseela kwa godimo ka go nyenyefatsa tsamaiso ya tse dingwe le mororo botlhe e le barapedi ba Modimo.
A re dikereke di tshwanetse tsa dirisana mo medirong le mo dintshong, e seng go ikgagapelela.
“Pesalema ya bo 133, e tlhalosa fa go le monate fa bana ba motho ba nna mmogo ba dirisana ka kagiso. Ka jalo dikerere dingwe di seka tsa re di botoka mo go tse dingwe, “ Moruti Koosimile a supa.
O rotloeditse dikereke go rera lefoko la Modimo ka botswapelo, go ruta bana ba ba santseng ba fatlhoga gore lefoko la Modimo le botlhokwa.
Moruti Koosimile o kgothaditse baruti go nna sekao mo setshabeng ka go apara le go itsaya sentle ka gore go dira jalo go ba supa se ba leng so ne.
Mothusa molaodi wa kgaolo ya Serowe, Rre Monthusi Makocha, o boletse fa lekgotla la baruti le tlhomilwe semmuso ke puso ya Botswana ka nako e segajaja sa bolwetse jwa HIV/AIDS se neng se apesitse lefatshe kobo ka letshoba.
A re puso e ne ya lemoga bomosola jwa baruti le dikereke mme ya ikopanya le bone go lwantsha seemo sa nako eo.
O kaile fa puso e lemoga fa kereke e aga le go gomotsa setshaba.
A re le mo bogompienong, dikereke di tsweletse ka go rapelela malwetse.
Rre Makocha o boletse fa baruti ba lemogiwa ka nako tsa leuba le dikotsi tsa tsela mme ba bidiwe go di rapelela.
O supile fa molao o sa lekana, o tlhoka go patiwa ke lefoko la Modimo, go fa dikgakololo.
A re e le balaodi ba a nyadisa mme go le botlhokwa gore baruti ba bo ba ba patile go aga malwapa a banyalani.
Mothusa kgosi wa GaMmangwato, Kgosi Seretse Peter Khama, ene o kaile fa lefatshe le aparetswe ke mathata a mantsi mme di tlhoka gore baruti ba eme ka dinao go thusa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Thuto-puisano
Date : 16 Feb 2026




