Seemo sa sekole sa Ngambao se tlhoka go potlakelwa
16 Feb 2026
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane, o kaile fa seemo sa sekole se segolwane sa Ngambao kwa Seronga se ngomola pelo e bile se tlhoka go potlakelwa.
Mangwe a matshwenyego a a lebaneng sekole seo ke letlhoko la malao le materase le matlo a bonno a baithuti a a senang mabati.
Rre Moswaane o ne a etetse sekole morago ga gore Mopalamente wa kgaolo ya Okavango Botlhaba, Rre Gabatsholwe Disho, a mo kope go ya bona seemo sa sone.
O ne a re o tlaa isa pego kwa go tona wa Lephata la Tlamelo ya Bana le Thuto go Tswa kwa Moding, le fa gone mathata ao a ba ama botlhe bo tona ba ba mo pusong.
A re tsholofelo ke gore lephata leo letla atla ka ditlhabololo mme a re le ba makalana a a ikemetseng ba ka tsenya letsogo go thusa.
Rre Disho o supile fa a setse a kile a dira maiteko ka go kwala pego ka seemo sa sekole, mme karabo e a e filweng e ne e e se e e nametsang.
A re matlo a borutelo a tlhaelela kgakala, ka gore ditlhopha tsa baithuti di masome mabedi mme matlo a a siameng go ka rutela bana a lesome fela.
A re bana bangwe ba tsenela mo matlong a borutelo a a sa itekanelang fa bangwe ba rutelwa kwa ntle.
Mogokgo wa sekole, Mme Manno Kgwabi, o tlhalositse fa sekole se na le bana ba le 836 mme ba le 574 ba nna mo sekoleng mme matlo a bonno a tlhaela.
Rre Moswaane o ne gape a lekola seemo sa melemo kwa kokelong ya Seronga kwa a tlhaloseditsweng fa e le teng le ntswa balwetsi ba fiwa selekanyo se se kwa tlase go na le pele, e le tsela ya go laola seemo gore melemo e se tlhaele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Seronga
Event : Ketelo ya sekolo
Date : 16 Feb 2026



