Breaking News

Mambo o ipelela maduo a mantle a lokwalo la bosupa

16 Feb 2026

Ba sekole se se botlana sa motse wa Mambo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa tswa go rulaganya mogwanto wa go wa ipelela tokafalo le maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa mophato wa bosupa tsa ngwaga o o fetileng ga mmogo le go ya go rola semmuso katlego eo kwa bogoging  jwa motse le morafe ka kakaretso ka Labotlhano wa beke e e fitileng.

Sekole sa Mambo se dikile se ntshitse botlhano mo lekgolong ya maduo a AB le 81.3 mo lekgolong ya maduo a ABC, se e le tokafalo e kgolo thata fa go tshwantshanngwa le maduo a 75 mo lekgolong a ABC a ngwaga wa 2024. 

Mo godimo ga moo, bodiredi jwa sekole seo bo supile fa bo ipela  ka jaana ba kgonne go feta seelo sa kgaolo sa 80 mo lekgolong a ABC e bile go supa e le lantlha mo ditsong mo dingwageng tse di lesome sekolo seo se bona katlego e e kalo.

Mo mafokong a gagwe, Kgosi ya Mambo, Kgosi Obuile Mambo o ne a supa boitumelo jo bogolo tebang le maduo ao, ka moo a gwetlha barutabana, batsadi, baithuti le ba- na-le seabe botlhe go monela marulana pele go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa monongwaga.

O akgoletse bodiredi jwa sekole seo tiro e ntle e ba e dirileng, a bo a supa fa a itumedisiwa ke tshwaragano ya batsadi le barutabana.

Kgosi Mambo o bile a gwetlha baithuti go tlhoafalela thuto ka e le yone fela selotlolo sa matshelo a bone, a re ba tshwanetse ba itse fa e ka ba bulela dikgoro tse ba ka di dirisang go tla ba bipa letlhoko le le ka tswang le le teng mo malwapeng a bone.

A re keletso ya gagwe ke go bona sekole seo se tswelela se tsabakela go gaisa jaaka se dirile.

Kgosi o tsweletse a tshepisa bodiredi jwa sekole fa a tla ba ema nokeng ka dinako tsotlhe.

Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole sa Mambo Rre Johnson Chuma o ne a lebogela kemonokeng le thotloetso e botsadi jwa Mambo bo e neelang sekole seo, a gatelela gore se dirile gore maduo e nne a a nametsang.

O ne a akgola Kgosi Mambo go bo a sanke a ipona tsapa go nna a etela kwa sekoleng go tla go itemogela dikgwetlho le go ema baithuti ka lefoko la kgothatso.

Le ene fela jalo o ne a supa a na le tsholofelo ya gore tshwaragano ya batsadi le barutabana mmogo le go itoma molomo wa tlase ga baithuti go tlaa tswelela go ya go ileng gore sekole se tswelele se dire sentle.

Bangwe ba batsadi ba ba neng ba nna le sebaka sa go akgela, ba supile fa maduo ao a ne a ba itumedisa fela thata, ba kaya fa maduo ao a dirile gore ba tsamaye ba kanotse dihuba, go na le pele mo e neng e re maduo a tswa ba bo ba inamisa ditlhogo.

Le bone fela jalo ba ne ba rera tshwaragano le tirisanyo mmogo, ba re ke yone konokono e e ka tsosolosang serodumo sa sekolo seo se se  kileng sa bo se itsege ka sone.

Mme Julia Atlholang o ne a gwetlha batsadi go tlhomamisa gore ba tlamela bana ba bone ka tsotlhe tse ba di tlhokang go akarediwa le didirisiwa tse ba di dirisang kwa sekoleng, a re seo se ka ba tiisa moko mo dithutong tsa bone.

O ne gape a rotloetsa batsadi go ikanya dikole tsa bananyana, a re di mosola thata mo go sugeng le go simolodisa thuto mo baneng ba santse ba le kwa tlase.

Mme Atlholang o bile a ba gakolola go nna ba etela dikole fa barutabana ba kua mokgosi, a bo a lebogela thotloetso e bana bangwe ba motse BA e supang mo sekoleng seo, a kaya fa ba tsweletse ka go abela sekole dimpho gore di abelwe baithuti ba ba dirang sentle mo dithutong tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mambo

Event : Ipelelo maduo

Date : 16 Feb 2026