Komiti e tsibogela bana ba ba tshabang sekole
11 Feb 2026
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa kgotleng ya Boseja South, Mme Kegomoditswe Ndulamo a re komiti ya District Child Protection e tsibogetse kgang ya bana bangwe ba ba ntseng ba tlhola mo marekisetsong ka nako ya sekole.
O boletse jalo fa a araba matshwenyego a modulasetilo wa khansele, Rre Itumeleng Kelebetseng mo phuthegong ya kgotla bosheng jaaka a ne a bua a sa kgale mathe ka bana ba ba sailang mo marekisetsong le mebila le ntswa ba ka bo ba le kwa dikoleng.
E ne e rile go le pele, Rre Kelebetseng a ntsha sekai ka bana bangwe ba bane ka palo, ba a reng ba phakelela fa marekisetsong mangwe mo Boseja mme ba tlhole teng letsatsi lotlhe go fitlhela le phirima.
“Seemo se, se a tshwenya ka se supa fa batsadi ba ikgatholosa kgodiso le thuto ya bana ba bone,” ga tlhalosa Rre Kelebetseng.
O gwetlhile batsadi go emela dikgang tsa bana ka dinao ka e le boikarabelo jwa bone go ba fa kgodiso le tlhokomelo e e maleba. A re o lemogile fa banana bangwe ba itlhaganelela go tshola bana mme ba rwese bo nkuku-a-bone morwalo wa go ba tlhokomela.
Mme Ndulamo o supile fa le bone ba ne ba tshwenyega ka bana bao, mme ba ne ba tsaya kgato go begela ba komiti e e sireletsang bana. A re komiti eo, e thusitse, ka jaana bana bao ba boetse kwa sekoleng.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kelebetseng o supile gape fa dikole ga mmogo le tse dibotlana di wetswe ke seru sa tiriso ya ditagi le maitsholo a a sa eletsegeng a baithuti. A re go ngomola pelo ka batsadi ba bona seemo seo mme ba itlhokomolosa go tsaya dikgato ba ipata ka gore bana ba na le ditshwanelo.
O gakolotse batsadi gore ditshwanelo tsa bana ga di ba kganele go kgalemela bana ba bone fa ba tswa mo tseleng mme a ba rotloetsa go dira se se tshwanetseng go na le go rwesa barutabana mokgoleo.
Rre Kelebetseng, yo gape e leng mokhanselara wa kgaolo ya Boseja South o supile fa bontsi jwa batsadi ba itse bao ba ba rekisang ditagi mo kgaolong mme sebe sa phiri ke gore ba didimetse fela ba sa lome ba sepodise tsebe.
O tsweletse a re tiriso ya ditagi e na le ditlamorago, a supa fa kwa sekoleng sengwe moithuti mongwe a ne a tla ka ditagi kwa sekoleng mme a felela a di ja le ba bangwe, kgabagare ba felela ba thubetsa moithuti wa mosetsana.
O kgadile gape kgokgontsho ya bana le bomme a re dipalo di supa e kekela mo kgaolong mme a kopa banni go emela dikgang tseo ka dinao. A re mo malobeng, ba ne ba itse fa ngwana a godisiwa ke setshaba mme dipaka di fetogile ka jaana bangwe fa ba bona ngwana a diriswa botlhaswa ba nna moriti o tsididi fela.
Borre ba ne ba gwetlhiwa go emisa kgokgontsho ka jaana dipego di supa fa ba di goga kwa pele mo kgannyeng e.
Mongwe wa banni, Rre Victor Kamandaku o ne a latlhela tlhware legonnyana ka go gwetlha borre go emisa go kgokgontsha bomme. A re ba tshwanetse ba amogela seemo fa botsalano bo pala go na le go betsa le go bolaya ka seo e se tharabololo.
O ne a kopa batsadi go rotloetsa bana go tsenelela diphuthego tsa kgotla ka jaana e le gone kwa mananeo a puso, ditlhabololo le sepe fela se se ka ba tswelang mosola di buelwang teng.
Modulasetilo wa khansele, Rre Kelebetseng o boloditse letsholo mo kgaolong go lekodisanya le morafe ka ditlhabololo, le tse di tshwenyang ga mmogo le go utlwa dilelo tsa bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Phuthego
Date : 11 Feb 2026



