Go Tsibogela Tlhako Le Molomo Go Mosola
10 Feb 2026
Go botlhokwa go tsibogela go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo go itsa gore bo kokonele itsholelo ya malwapa le ya lefatshe phetelela.
Mothusa Tautona Rre Ndaba Gaolathe o buile se fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Jackalas NO.1 ka Labotlhano.
Rre Gaolathe a re tlhako le molomo ke segajaja se se tlhokang go potlakelwa, a re ntle le go dira jalo, bolwetse joo bo ka busetsa kwa morago maiteko a lefatshe la Botswana a go godisa mhama wa thuo ya kgomo.
“Kgomo mo go lona ga se itsholelo fela, ke botshelo jwa lona, ke yone e supang boleng jwa monna le mosadi yo o e ruileng,” ga rialo Rre Gaolathe a gatelela botlhokwa jwa kgomo mo botshelong jwa Motswana.
A re go ipoa seboaboane ga tlhako le molomo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba mo kgaolwaneng ya taolo matlhoko a leruo ya 6b go a tshwenya ka go setse go diragetse ka dingwaga tsa 2002, 2003, 2010 le 2022.
Le fa go le jalo, o tlhalositse fa go nametsa go bona barui ba dikgomo ba ba tsamaileng mosepele o o botlhoko mo go kalo ba santse ba tshwere ka thata mo thuong ka tumelo ya gore ba tlaa kgona.
Fa a phophotha legetla barui bao, Rre Gaolathe o boletse fa ntwa kgatlhanong le tlhako le molomo e tlhoka tshwaragano ya botlhe, a supa fa puso e ka seke e e kgone e le esi.
Sebueledi sa lekgotla la barua-kgomo la Botswana National Beef Producers Union (BNBPU) Rre Andrew Seeletso a re e rile ba utlwalela tlhagogo ya bolwetse jo, ba kopa ba Botswana Ash go ba thusa ka ditone di le 60 tsa bopi ja letswai.
Rre Seeletso o tlhalositse fa letswai leo le ya go gasiwa lefatshe ka bophara go leka go laola le go bolaya mogare wa tlhako le molomo mo mmung le mo leruong.
Morui Rre Gideon Mpinyane o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano le tirisanyo mmogo, a re ke tsone di ka ba thusang go fenya mmaba yo o ba tlhasetseng.
Rre Lawrence Mpotu ene o ne a supa fa dikgomo tsa Jackalas NO.2 le Matshelagabedi di hula mo mahudisong a le mangwe mme tsa kwa Matshelagabedi di sa tipiwa kana go kentiwa. A re se se ka busetsa morago maiteko a a tsweletseng a go laola bolwetse.
Rre Mpotu o kopile gore dipolase tse di rekilweng ke puso mo Tati Company di kgaoganngwe ka dikgomo tse di iseng di tsenwe ke bolwetse le tse di kileng tsa tlhaselwa.
Monni yo mongwe Rre Samson Masole o ne a ngongorega ka terata ya molelwane, a tlhalosa fa batho ba e sentse mo ebileng dikoloi le dikotsekara di feta ntle le sekgoreletsi.
Rre Masole o ne a tshwaela gape ka go supa fa lefatshe le le rekilweng mo Tati Company le ka thusa go fetsa kgang ya tlhaelo la mahudiso, mme mo ntlheng e nngwe a kopa gore go tsenngwe motlakase mo terateng ya molelwane go fokotsa tshenyo ya diphologolo le batho.
Rre Thomas Tshabalala o ne a kopa gore go kentela tlhako le molomo e nne selo modiro go leka go thibela bolwetse joo ka nako, go lebilwe gore bo tlhagoga gangwe le gape kwa kgaolong ya bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : Jackalas 1
Event : Phuthego
Date : 10 Feb 2026



