Breaking News

Itireleng JSS E Tokafatsa Maduo

10 Feb 2026

Sekole se segolwane sa Itireleng kwa Lobatse se akgoletswe go itlhoma kwa pele kwa toropong ya Lobatse le mo kgaolong ya borwa mo maduong a a golotsweng bosheng a lokwalo la boraro.

Mogolwane kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa Lobatse, Rre Barutwa Khwae a re sekole se se gapile maemo a ntlha mo kgaolong, se longwa serota ke sa Pitikwe se le sone se leng kwa Lobatse.

Rre Khwae a re go a itumedisa go bo dikolo tse di tsereng maemo a ntlha le a bobedi mo kgaolong di tswa kwa toropong ya Lobatse, a supa fa kgaolo ya borwa e akaretsa Lobatse le kgaolo ya Good Hope go ya go fitlha kwa Khakhea.

A re go bo baithuti ba le bararo ba sekole sa Itireleng ba pasitse ditlhatlhobo ka letshwao la MERIT go tlotlomaditse sekole sa Itireleng le go feta.

Mo go tse dingwe, Rre Khwae a re maduo a ne a ka tokafala fa go ne go sena dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo a a fekeediwang ke dipalo tsa baithuti, ga mmogo le tlhaelo ya barutabana le bodiredi jo bongwe.

Go sale foo, o boletse fa kemo-nokeng ya batsadi e le botlhokwa thata mo dithutong tsa bana, mme o ne a akgola batsadi ba ba sa iponeng tsapa go tsenya letsogo mo tirong ya bana ya sekolo. BOPA

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Moletlo

Date : 10 Feb 2026