Breaking News

Phatlalatso Ya Melemo E Bonya - Mmolotsi

09 Feb 2026

Tona wa tikologo le bojanala Rre Wynter Mmolotsi o supile ka monwana badiri bangwe ba lephata la botsogo a re ga ba akofele go fa setshaba ditirelo.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Themashanga bosheng, Rre Mmolotsi o boletse fa ditirelo di tshwana le ya go aba dipilisi le melemo di koafadiwa ke thulaganyo e e motsopodia ya go amogela le go kwadisa dipilisi le melemo.

Rre Mmolotsi o boletse gore le fa gone melemo e tlhaela mo dikokelong, sengwe se se bakang seemo seo ke boitseme jwa bodiredi go ka e phatlalatsa le dikokelo lefatshe ka bophara.

O ne a tlhalosa fa mo bosheng a ne a etela dikokelwana tsa Francistown le Masunga mme a fitlhela melemo e e gorogileng mo malatsing a se kae pele ga loeto la gagwe e ise e simolole go fiwa balwetse mme go tlhalosiwa fa e santse e kwadisiwa.

Tona o ne a tlhomamisetsa banni fa puso e ikemiseditse go rarabolola seemo se se aparetseng lefatshe leno sa tlhaelo ya melemo.

A re nngwe ya dikgato tse di tserweng ke go reka ka tlhamalalo kwa go ba ba dirang melemo, seo e le maiteko a go emisa tshenyo e e neng e diragala fa go rekwa go dirisiwa dikompone kgotsa bangwe ba ba ikemetseng.

“Ka tsela e e ntseng jalo, puso e ne ya re mo go sekasekeng ya leka go ithulaganya mme ya ikopanya le bao ba e leng gore ba dira dipilisi le melemo go reka ka tlhamalalo mo go bone go sa dirisiwe ope fa gare go e rekela melemo,” ga rialo Rre Mmolotsi.

O ne a re se se tlaa tokafatsa go isa ditlamelo tsa botsogo kwa setshabeng ka thulaganyo e e ya go tsenya seemo sa botsogo mo tseleng.

“Go nale thulaganyo e nngwe e e dirwang ke mafatshe jaaka Namibia, Botswana le Zimbabwe, ya gore fa lefatshe le lengwe le santse le emetse melemo e ba e rekileng go goroga, le ka adima melemo mo go le lengwe mme la e busa fa ya lone e goroga,” o ne a tlhalosa jalo, a supa fa se se thusa mafatshe go bipana letlhoko.

Fa a ama tsa itsholelo, Rre Mmolotsi o ne a supa fa go tlhoka go tsibogela go kabakanya itsholelo ka nako go bakile seemo sa nako eno sa kwelo-tlase ya itsholelo.

A re ka nako ya fa itsholelo e ikaegile ka theko ya teemane, lefatshe le ka bo le ne la batla metswedi e mengwe ya madi, a re seo se ka bo se dirile gore itsholelo e itshetlele botoka.

E rile a mo kgwa dikgaba, monni Rre Thomas Maripe a batla go itse fa go nale dikgato dipe tse di tseetsweng badiredi ba botsogo ba ba boitseme mo tirong ya go phatlalatsa dipilisi le melemo mo dikokelong.

Rre Mbakiso Nkanga ene o ne a kopa tona go re a tlhalose gore National Health Insurance e tsamaya fa kae, a supa fa e ka thusa balwetse go akola ditirelo tsa botsogo tse di lopang madimadi.

Ba bangwe ba ne ba kopa gore dikgato tse di maleba di tsewe kgatlhanong le bao ba ba sa direleng puso sentle ka go sa isa ditlamelo tsa botsogo kwa bathong ka nako.

   Le mororo Tona Mmolotsi a ne a etetse motse wa Themashanga go bua ka mogopolo wa tshimolodiso ya kgotla ya molao-motheo, banni ba ne ba seka ba bua sepe ka setlhogo seo, mme boemong jwa go dira jalo, ba ne ba ganelela mo dikgannyeng tse di farologanyeng tse di amang matshelo a bone a tsatsi le letsatsi. BOPA

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Themashanga

Event : Phuthego

Date : 09 Feb 2026