A re adimaneng didirisiwa- Peloetletse
09 Feb 2026
Mokwaledi mogolo wa ga Tautona Mme Emma Peloetletse o kopile badirelapuso go dirisana mmogo le go adimana ditsompelo tse ba nang le tsone di tshwana le dikoloi go isa ditirelo kwa setshabeng.
Mme Peloetletse o ne a bua jalo kwa bokopanong jwa gagwe le badirelapuso ba kgaolo ya Palapye le metse e e mabapi ka Labotlhano. A re fa badirelapuso ba ka tshwaragana, ba ka isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng e bile ba na le bokgoni jwa go ka dira go feta jaaka ba dira mo nakong eno.
A re ga gona nako e ditsompelo tsa puso di kileng tsa lekana, le mo dingwageng tse di fetileng, mme go tswa bogologolo maduo a ntse a tswa ka ntlha ya tirisanyo mmogo le go ikemisetsa go dirisa bonnyennyane jo bo leng teng ka botswerere go thusa setshaba.
Mme Peloetletse o ne a ba kopa go thusa Batswana ka bonokopila le ka botswerere, a supa fa se e tlaabo e le sesupo sa gore ba ikiteile sehuba.
Mo go tse dingwe o ne a lebogela badirelapuso go bo e le badiri ba nnete ka ba ne ba tshwara go fetoga ga puso ka bonokopila le ka manontlhotlho.
O ne a akgolela badirelapuso le bogogi jwa bone go tshegetsa maitlamo a go direla setshaba ka botswerere ka dinako tsotlhe, a re maitlamo le maikemisetso ao a ne a itshupa morago ga go fetoga ga puso ka 2024.
Mme Peloetletse a re go tshegetsa maitlamo moo go ka dirwa fela ke modirelapuso yo o ikiteileng sehuba gore o tlaa direla puso ya letsatsi. A re tiro e ya go amogela puso e ntsha e ne e ka seka ya kgonagala ntleng le tshwaragano ya badirelapuso botlhe lefatshe leno ka bophara.
Mo go tse dingwe Mme Peloetletse o ne a supa fa kgosi wa motse le mokwaledi wa khansele ba ne ba supa fa ba sa itumelele dilo dingwe ka tse di amang badirelapuso.
A re ba supile fa bontsi jwa badirelapuso ba sa tsene ka nako mo ditirong e bile ba sa supe fa seo se le molato. A re fa ba dira jalo, baeteledipele ba bone ga ba ba lemotshe fa seo se sa siama.
Fa a tsibogela tshwaelo ya gore badirelapuso ba tlhoka go akarediwa mo tekodisong ka mogopolo wa tshimolodiso ya kgotla ya molao-motheo, Mme Peloetletse o ne a supa fa tona wa ofisi ya ga Tautona Rre Moeti Mohwasa a tlaa nna le lenaneo la go tla go lekodisa badirelapuso ka kgang eo.
A re go lebega Batswana ba ise ba tlhaloganye mo go kalo ka kgotla eo, mme a supa fa go le botlhokwa gore thuto ka kgotla ya molao-motheo e goroge kwa go botlhe. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 09 Feb 2026



