Mmelaelwa mo polaong o ikgapetse botshelo
05 Feb 2026
Mmelaelwa mo polaong ya mme mongwe kwa Bray go bolelwa a fitlhetswe a ikgapetse botshelo kwa South Africa ka Laboraro morago ga gore ba sepodisi kwa Tsabong ba ikuele mokgosi ka go nnile le dipelaelo tsa gore o katswa a tlodile molelwane.
Go ya ka mookamela mapodisi a District 9, Senior Superintendent Banneetse Keakile o tlhalositse fa mapodisi a Werda ba ne ba begelwa tiragalo kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a mararo gotswa kwa Bray.
Senior Sup Keakile o tlhalositse fa go ya ka nkukuagwe moswi, yo a neng a nna le ene, e ne ya re mo maphakeleng fa aya kwa kokelwaneng kwa Bray, a tlogela mme yoo, yo a neng a le mo botsetsing, a na le mokapelo wa gagwe.
Rre Keakile o supile fa nkukuagwe moswi a ne a fitlhela ngwana wa gagwe a se mo botshelong faa goroga, mme mokapelo a ineile naga. O ne a kua mokgosi le go itsise mapodisi ba ba neng ba ragogela teng mme ba fitlhela mme wa dingwaga tse di lesome le bosupa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale.
Mookamela sepodisi sa kgaolo o ne a supa fa mapodisi ba ne ba ragosetsa mme yo, kwa kokelong ya Tsabong, kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.
Senior Sup Keakile o boletse fa moswi a ne a sa ntse a le mo botsetsing mme ka nako ya tiragalo a ne a na le losea lwa kgwedi tse pedi lo a supileng fa lone le sa ntse lo babalesegile sentle.
A re moswi o tlholega kwa Bray fa mmelaelwa ene a tlholega kwa Khakhea mo Kgaolong ya Ngwaketse.
Senior Sup. Keakile o boletse fa ba sepodisi kwa South Afrcia ba tlaa ba tlaa ba rebolela/rolela moswi morago ga go dira ditlhotlhomiso.
Mabapi le tiragalo eo, Senior Sup Keakile o ne a gakolola borre go emisa kgokgontsho le dipolaano bogolo jang tsa baratani tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno. O ne a kopa gape bogolo jang banana go kopa dithuso mo go ba ba maleba ba akaretsa magosi, ba boipelego, baruti, mapodisi batsadi le ditsala, ka molemo wa kgang e le go buiwa go itsa ditiragalo tsa mofuta o. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bray
Event : Potsolotso
Date : 05 Feb 2026





