Breaking News

Salakae o rerisa banni ka kgotla ya molao motheo

05 Feb 2026

Mogopolo wa go simolodisa kgotla ya molao-motheo ga o reye gore puso e ikgatholosa dikgwetlho tse di teng.Tona wa lephata la dipagamo le dikago, Rre Noah Salakae, o tlhalositse se fa a tsibogela dikakgelo tsa banni ba Sehithwa mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi.
A re puso e tlhaloganya mathata a a lebaneng setshaba, mme a supa fa mapahata a puso ka go farologana a dira se se tshwanetseng go tokafatsa seemo.
O tlhalositse fa mogopolo wa puso gore Botswana a nne le kgotla ya molao-motheo e le tsela ya go oketsa makgotla a ditsheko le fa eo e tlaa itebaganya thata le dikgang tse di amanang le molao-motheo.
Rre Salakae o kopile banni go diga maikutlo fa ba akgela mo mogopolong o, ka gore maikaelelo a kgotla ya molao-motheo e le go tlotlomatsa tshwanelo ya bone ka go sireletsa ditshwanelo.
Bangwe banni ba atlile mogopolo, mme ba kopile puso go seegela fa thoko, mogopolo oo, mme e itebaganya le dikgang tse di amang matshelo a batho jaaka e ne e solofeditse. Rre Salakae o tlhalositse fa go nna teng ga kgotla e, go ka se kgoreletse puso go tswelela e rarabolola dikgwetlho tse diteng. A re Batswana ba tlhaloganye gore molao motheo ke seipone se botlhe ba tswanetseng go ipona mo go sone.
Rre Salakae o supile gape fa molao-motheo o sa lemoge makgotla a Setswana le ntswa a dira tiro e tona ya go aga setshaba le go tlotlomatsa kagiso le thokgamo, a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore makgotla ao a lemogiwe. Monniwa wa Sehithwa, Rre Daki Kamuunduou, o kopile tlhalosa ya gore fa e le tshekatsheko ya molao-motheo le go simolodisa kgotla ya molao-motheo, go tla eng pele.
Rre Salakae a tlhalosa fa puso e ne e eletsa go tlhoma kgotla pele gore e tle e thuse mo tsamaisong ya tshekatsheko ya molao motheo. O supile fa a na le pelaelo ya gore kgotla e ka gatelela Batswana, a kopa gore tshekatsheko ya molao-motheo e dirwe pele.
 Rre Gaetimiwe Moelenyane e ne o supile fa Batswana ka bontsi ba tlhaela kitso ya melao mme ebile go lebega ba ba tlhaloganyang e le bone ba emeng puso nokeng go tlhoma kgotlatshekelo ya molao motheo. “Go botlhokwa gore re rute ka botlhokwa jwa kgotla ya molao motheo gore re itse ditsamaiso tsa yone pele ga re ka ema puso nokeng.  Gompieno re tshelela mo selelong sa letlhoko la melemo mo dikokeleng, re tshela ka go ithekela dipilisi, re nyelediwa ke lenyora. A puso e rarabolole dikgwetlho tse pele,” Rre Moelenyane a supa.
Rre Zachariah Nguvauva o supile fa mogopolo o le montle,  mme mathata e le lebelo le ba bonang puso e batla go o diragatsa ka teng. E re dikgang di eme jalo, tona Salakae o ne a bolotsa letsholo go ya go rerisa banni ba Chanoga ka mogopolo mme fela jaaka mo dikgotleng tse dingwe bangwe ba ne na iteela mogopolo legofi fa bangwe puo e ne ya nna gore rarabololang dikgwetlho tse di aparetseng Batswana pele.
Rre Kenalewetsho Mompati a re kgotla eo e botlhokwa, mme a kopa matona go nonotsha thuto mo Batswanang gore ba tlhaloganye tsotlhe tse dintle tse di tlang ka lekgotla leo. Mme Onewang Gabatshwane le e ne o ne a akgola mogopolo a supa fa ele motswasetlhabelo ka jaana ditshwanelo tsa gagwe di gatakilwe morago ga go latlhegelwa ke ngwana mo kotsing ya koloi. A re lekgotla leo go supega le le mosola ka jaana le tla amogela mongwe le mongwe le ba ba kobodikhutswane tota.
Rre Gofaone Mmonnawalebala le ene o supile fa a se kgatlhanong le mogopolo mme a supa fa nako e se maleba booglo jang ka lefatshe le le mo leshekereng.
Kwa bofelong,  Rre Salakae o ne a lebogela dikakgelo tsa banni a re di tla thusa puso fa ba setse ba soboka megopolo ya Batswana. A re puso e eteletsa morero kwa pele ka e dumela fa e le yone tsamaiso ya batho ka batho.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Sehithwa

Event : Phuthego ya patlo maikutlo

Date : 05 Feb 2026