Ba Gobojango le Mathathane ba ntsha maikutlo ka kgotla ya molao motheo
04 Feb 2026
Banni ba Gobojango le Mathathane mo kgaolong ya Bobirwa ba supa fa ba le bete se molangwana ka go tlhongwa ga kgotla ya molao-motheo.
Ba supile maikutlo a bone mo di phuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke tona wa lephata la ditlhaeletsanyo le ditlhamo, Rre David Tshere kwa Gobojango le Mathathane ka Labobedi.
E re ntswa ba dumalana le gore molao-motheo o ka baakanngwa, banni ba metse eo, ba ntshitse mabaka a a farologanyeng kgatlhanong le go tlhomiwa ga kgotla ya molao-motheo.
Mongwe wa dibui, Rre Norman Mmadithaba wa Mathathane a re
go tlhomiwa ga kgotla ya molao-motheo go ka babalela itsholelo e e sa direng sentle. A re ntswa go le botlhokwa go baakanya molao motheo, puso e ka seka seka go fetola le go thatafatsa dingwe di tsetlana tsa melao le go godisa dikgotla tshekelo tse di setseng di tlhomilwe.
A re kgang ya go tlhoma kgotla ya molao-motheo e tsile ka nako e e seng maleba e bile puso e e potlaketse go feta dikgang tse dingwe tsa ditshwanelo tsa setho di akaretsa botsogo le thuto.
Rre Mmadithaba a re go tlhomiwa ga lekgotla leo go ka kgotlela ledula le kagiso mo lefatsheng, ka jaana merafe ka go farologana e ka batla go itsheka gongwe le gone go seka dikgang tsa lefatshe. Rre Meshack Makgosa wa Mathathane a re dikgang tsa go tlhongwa ga lekgotla la mofuta oo di ka baka ketsaetsego ka jaana go lebega di dirwa ka lepotlapotla.
A re go ne go le botlhokwa go rutuntsha batho ka botlhokwa jwa lekgotla leo, a supa fa bontsi bo le mo lefifing, mme go ka baka gore ba tseye ditshwetso tse di seng maleba ka ntlhaya tlhaelo ya thuto mabapi le gone go tlhongwa ga lekgotla le.
Rre Simione Tshwene le ene o supile fa kgang ya lekgotla le le akantsweng leo e bakile ketsaetsego ka jaana bangwe ba supa fa le tla fa bangwe dithata tsa go nna le ditshwanelo ntswa ba amega mo melatong ka go farologana e e akaretsang thubetso, polao le e mengwe, selo se aren se ka gataka ditshwanelo tsa batswa setlhabelo.
Rre Gaedupi Dialwa wa Gobojango a re tshekatsheko ya go tlhongwa ga lekgotla leo e tsile ka nako e e seng maleba, a supa fa mo nakong eno batho ka bontsi ba wetse maikutlo ka seemo se se tsweletseng ka go wela tlase kwa dikokelong le dikokelwana ga mmogo le mo lephateng la thuto.
O supile fa itsholelo mo malwapeng ka bontsi e ngomola pelo, ka jalo a re puso e tlhome matlho diemo tse ka jaana le tsone di tlotlomatsa ditshwanelo tsa batho.
Rre Morgan Makgaswane ene o supile fa go le botlhokwa gore batho ba tlhaloganye molao motheo le ditsetlana tsa one, a re go dira jalo go ka ba thusa go ntsha seabe se se utlwalang.
A re go botlhokwa go baakanya mengwe melao ka jaana e sena tomagano. Fa a fa tekodiso, Tona Tshere a re tshekatsheko ya go tlhongwa ga lekgotla la Molaomotheo, e tla morago ga go lemoga fa gole botlhokwa go baakanya molao motheo wa lefatshe leno o saleng o tsena mo tirisong bogologolo.
A re dingwe ditsetlana tsa molao motheo di siilwe ke nako e bile di baya bangwe ka fa mosing, ka jalo a re lekgotla la Molaomotheo le ka thusa go rarabolola dingwe dikgang tsa mofuta oo.
A re lekgotla leo le tla a bo le itebaganya le go tlotlomatsa le go somarela ditshwanelo tsa setho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Gobojango
Event : Phuthego ya patlo maikutlo
Date : 04 Feb 2026







