Breaking News

Go leta ngwedi ke go leta lefifi

04 Feb 2026

Banni ba Lobatse ba rotloeditse puso go gatela pele ka go tlhoma kgotla ya molao motheo ba re nako kgolo ke eno ka gore go leta ngwedi ke go leta lefifi. Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke tona wa lephata la pereko le selegae, Major General Pius Mokgware kwa kgotleng ya Peleng kwa Lobatse bosheng.
Fa a tswa la gagwe mona-le-bogole, Rre Michael Thamage, a re o amogela mogopolo wa go tlhamiwa ga lekgotla leo ka gore go ‘leta ngwedi ke go leta lefifi.’
A re molao wa bana-le-bogole o kwadilwe mme ga o diragadiwe ka jalo go tlhomiwa ga kgotla ya molao motheo go tlaa ba thusa gore ba nne le kwa ba ka ikuelang teng kwa go maleba.
O tlhalositse gore e re ntswa molao o tlhomilwe, bana-le-bogole ba beilwe ka fa mosing ka molao o sa diragadiwe mme e bile ba solofela go le go ntsi thata mo lekgotleng le le tlaa tlhamiwang gore ditshwanelo tsa bone di seka tsa tsuulolwa. Kgosi Tebogo Kemoabe wa Peleng a re tlhako e tsenye kgamelong ka jalo go tshwanetse gore go sekasekiwe dikgang tsa kgokgontsho ya bong.
A re bomme ba isa dikgang kwa makgotleng le kwa go ba sepodisi mme morago ba tloge ba je semenogane ba fetoga batlhanka ba mafoko a bone ba lebile fela gore ba ka tloga ba bolawa ke tlala.
A re marara ba tshwenngwa ke gore palo ya ditsheko tsa kgokgontsho ya bong e golela pele ka jalo seemo se se tshwanetse sa tsibogelwa, a re go tlhongwa ga kgotla ya molao motheo gongwe go tlaa fokotsa koketsego ya dikgetse tsa mofuta o.
Moruti Solomon Diphoko ene a re puso e magorogo masha ka jalo Batswana ba tshwanetse ba e neela sebaka gore ba ithulaganye mme ba diragatse ditsholofetso tsa yone go isa lefatshe leno kwa pele.
O ne a rotloeditse puso gore e tswelele e tsepame mo go se e se batlang go se dira go itsa go ntshiwa ke ope mo seporong.
Rre James Makwati o amogetse mogopolo ka tsoo-pedi a bolela gore dikgang tse di amang molao motheo di ntse di tsaya lobaka go wediwa mme jaanong go tlhongwa ga lekgotla leo go tlaa fefosa ditsheko. Fa a tswa la gagwe,
a eme kgatlhanong le tshimolodiso eo mo sebakeng se, mopalamente wa pele wa Lobatse, Rre Nehemiah Modubule a re maikarabelo a kgotla ya molao-motheo ke go ranola le go sireletsa molao motheo mme jaanong go botlhokwa gore go tle tsheka-tsheko ya molao motheo pele mme go dirwe Constitution Review Act.
A re go botlhokwa go nonotsha makgotla go a neela dithata go kgona go seka dikgang tsa molao motheo. Godimo ga seo, a re go botlhokwa go dira dilo ka matsetseleko, le gore molao wa Bogosi o tshwanetse wa nonotshiwa gore Dikgosi di fiwe dithata. A re go ya ka molao motheo Tautona o filwe dithata tsotlhe tsa go tlhopha baatlhodi ba Judicial Service Commission mme seo se tshwanetse sa baakanngwa mme morafe o neelwe dithata tseo. Mme Kenanao Mononi ene o ne a kopa gore go tlhomiwa go lekgotla leo go emisiwe pele, mme go etelediwe pele dikgang tsa ditlhabololo tse di ka fetolang matshelo.
O supile a ipelaetsa gore lekgotla leo le ka nna la dira gore mongwe le mongwe a ipagololele mogodu ka mabaka a ditshwanelo mme seo se tloge se tsise tlhakatlhakano mo ngwaong.  A re kgotla kgolo ya boikuelo le kgotla kgolo ya ditsheko di teng ka jalo ba ka nonotshiwa gore ba dire tiro eo ya go sireletsa ditshwanelo.
Mmme Mononi a re go botlhokwa gore go etelediwe pele tse di tlaa tlhamelang batho ditiro ko pele mme lekgotla leo le tlaa latela morago ga seo.
Faa mo tlatsa, Rre Oabile Matlale a re dikgang tse di amang molao motheo di tsweletse di a sekwa kwa makgotla tshekelong mme di a rarabololwa fela sentle ka jalo a re lepotlapotla le ja mong.
Mme le ene fela jalo a re go botlhokwa gore go etelediwe dikgang tsa ditlhabololo kwa pele mme go tlhangwa ga lekgotla leo go dirwa kwa morago.
Go le pele, fa a ba ama ka lefoko, Tona Mokgware a re nako e gorogile ya gore Botswana a nne le lekgotla le le haphegileng go lebelela dikgang tsa ditshwanelo.
O tlhalositse gore mogopolo o o tsile morago ga gore ba ralale dikgwetlho tse ba lemogileng fa di ka rarabololwa fela ke tshimolodiso ya kgotla kgolo ya molao motheo.
Ka jalo, a re go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a bue a ntshitse phega, a ipele ka go tsaya karolo mo go ntsheng mogopolo.
Tona a re dikgang tse di tlhokang kgotla ya molao motheo di mafaratlhatlha ka jalo go tlhongwa ga lekgotla leo e tlaa nna tharabololo ya dikgang tse di ntseng di baya ba bangwe ka fa mosing.  A re kgotla kgolo ya ditsheko e e teng ga e kake ya kgona go rarabolola dikgetse dingwe ka jalo kgotla ya molao motheo e ka tlhotlha dikgang tse ka bokgabane.
O boleletse banni ba Lobatse gore go botlhokwa gore e re pele ga go fetolwa molao motheo wa lefatshe go bo go tlhomilwe pele kgotla ya molao-motheo.
A re ka nako ya fa phathi e e busang ya Umbrella for Democratic Change e ne e isitse kgang ya bone kwa kgotla kgolo e ne ya re yone ga e a nonofela go tsaya ditshwetso mo dikgannyeng tsa ditshwanelo.
O ne a supa gape gore lekgotla leo le tlaa kgona go thusa Batswana ba ba dikobo dikhutshwane mme dikgang di rarabololwe ka bonako, a supa jalo gore seo se tlaa thusa gore ditshwanelo tsa bone di seka tsa gatakiwa.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Feb 2026