Breaking News

Go tlhagogile bolwetse jwa letshoroma kwa kgaolong ya Tutume

03 Feb 2026

Banni ba kgaolo ya Tutume ba rotloeditswe go dira ka gotlhe go thibela go ka tsenwa ke bolwetse jwa letshoroma.Kopo e e dirilwe ke modularities wa khansele ya kgaolo ya Tutume bosheng fa a ne a supa fa go tlhagogile bolwetse jwa letshoroma kwa metseng ya Maitengwe le Dukwi.
Modulasetilo Rre Tabona Masole o boleleletse forego ya khansele e e faphegileng fa kwa Maitengwe go kwadisitswe balwetse ba le 31 fa kwa Dukwi go begilwe ba le babedi.
Rre Masole a re ka lesego balwetse bao ba kgonne go thusiwa ka jaana melemo ya bolwetse joo e teng mo dikokelong, fa se se seyong mo nakong ya gompieno e le matloa a monang a a ka abelwang batho go itshireletsa.
Rre Masole a re kgaolo ya Tutume ke nngwe ya dikgaolo tse di nnang di amiwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa letshoroma.
Ka jalo, o kopile makhanselara a kgaolo eo go tsibosa setshaba ka tlhagogo ya bolwetse joo,le go sala morago melawana ya ba botsogo e akaretsa wa phepafatsa tikologo e ba leng mo go yone go itsa monang go tsalela foo.
O ne gape a kopa setshaba go bona ba bongaka fa ba ka itemogela dikai tse di tsamaelanang le bolwetse joo.
Mothusa-tona wa lephata la botsogo, Rre Lawrence Ookeditse yo a neng a tsere karolo mo phuthegong eo, o ne a tsibogela selelo sa makhanselara ka mosuke kwa kokelong ya Tutume fa thulaganyo ya go aga kokelo eo e tlaa tswelela fa madi a ka nna teng.
Rre Ookeditse o kopile makhanselara go nna le seabe le boikarabelo mo dikgannyeng tsa botsogo, a bo a ba rotloetsa go sala tsamaiso morago fa ba nale ngongorego epe ka ditirelo tsa botsogo.
A re baeteledipele ba tshwanetse ba tlogela go supasupana ka monwana, mme boemong jwa seo, ba tle ka dikgakololo le megopolo e e ka dirisiwang go tokafatsa dikgang tsa botsogo.
O kgadile banni bangwe ba go bolelwang fa ba dirisa matloa a bone a monang go tshwara ditlhapi.
Rre Ookeditse a re ngwaga ono dipula di nele ka bokete ka jalo a kopile batho go leka ka bojotlhe go itshireletsa le go ipabalela mo bolwetseng joo jwa letshoroma le a mangwe.
Gape mothusa tona o kgadile mokgwa wa bangwe mo setshabeng wa go kgokgontsha badiri ba botsogo, mme o ne a rotloetsa tirisanyo mmogo, tlotlo, lorato le tshwaragano ya botlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 03 Feb 2026