Ba Charleshill ba iteela mogopolo wa kgotla ya molao motheo legofi
03 Feb 2026
E re ka puso e boloditse letsholo go ralala lefatshe leno, mabapi le patlo maikutlo ka molao kakanyetso wa go tlhoma kgotla ya molao-motheo, banni ba kgaolo ya Charleshill baa tile mogopolo oo, e bile ba bua ka botlhokwa jwa kgotla eo, ba supa fa e le bangwe ba merafe e e beilweng ka fa mosing ke ditsetlana dingwe, tsa tsamaiso ya molao mother.
Fa a latlhela la gagwe, Mothusa kgosi wa Ntlo Ya Dikgosi, Kgosi Mbao Kahiko III o tlhalositse fa molao motheo e le yone pinagare ya go tsamaisa lefatshe mme dikgosi e le bone tshoso-e-rweleng mo go tsamaiseng mananeo a puso kwa morafeng.
O buile se kwa mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tsa ngwao, Rre Ignatius Moswaane ka Labotlhano.
O tlhalositse fa goromente a itlamile go somarela ditshwanelo tsa setho go dirisiwa molao-motheo wa lefatshe.
A re fa molao motheo, o kwalwa ka ngwaga wa 1961 kwa Lobatse, go ne go sena kemedi ya bomme, ba-na-le-bogole le banana.
A re seo, go papametse gore dikeletso tsa bao ba nankotsweng ga di a akarediwa ka botlalo ka ntlha ya go tlhoka kemedi e netameng.
Kgosi Kahiko a re dipaka di fetogile ka molao-motheo o lemoga merafe e e riling.
A re seo, se papametse mo tsetlaneng ya molao motheo ya 77, 78 le 79 mme a re seo se tshwanetse go baakanngwa gore merafe yotlhe e e mo lefatsheng leno e akarediwe ke molao motheo.
Ka jalo, a re kgotla ya molao-motheo, e tlaa thusa go menagane go mekamekana le dikgang tsa tsuulolo ditshwanelo mme a rotloetsa go fefosa go fetola molao motheo ka kakaretso.
O ne a tlatsa ka gore setshaba se rutiwe ka bonokopila ka molao motheo ga mmogo le ditshwanelo tsa setho gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Onkemetse Ping go tswa kwa Ncojane, o ne a lebogela mogopolo wa go simolola kgotla ya molao-motheo, a supa fa e tlaa thusa go buelela merafe e e beilweng ka fa mosing
Le fa go le jalo, bangwe ba banni ba ne ba supa fa ba le bete se molangwana ka lepotlapotla le kgotla ya molao-motheo e eteleditsweng pele go na le paakanyo molao motho ka kakaretso.
Rre Brains Kwadipane wa Charleshill, e ne o ne a kgala boleng jwa tsamaiso ya kgotla ya molao motheo ka go nankola mafatshe mangwe aa nang le kgotla eo, a re makgotla ao, ga a ise a kgone go supa bokgoni jwa go fedisa dikgang tsa kgatako ya ditshwanelo tsa setho.
A re lefatshe leno, ga le na masula a dikgang tsa ditshwanelo tsa setho, mme a re se se molemo se se ka dirwang ke paakanyo ya molao-motheo.
Mothusa modulasetilo wa khansele ya Charleshill, Rre Biki Lebereki e ne o rotloeditse morafe go inaakanya le go buisa dikgang tsa kgotla ya molao motheo ka kelelelo ba rerisana ka maikaelelo a go fetola matshelo a bone, go nna a a gololesegileng mo kgatelelong.
Fa a tswa la gagwe, Rre Moswaane o ne a gatelela botlhokwa jwa lekgotla la molao-motheo ka mabaka a gore, puso e itemogetse fa ditshwanelo tsa setho di gatakilwe mme e le puso e di gogang kwa tlhogong.
Rre Moswaane a re kgotla e, maikaelelo magolo a yone, ke go thusa go tlhodumela le go sireletsa molao motheo le go dibela serodumo sa ditshwanelo tsa setho.
Ka jalo, o rotloeditse morafe go kgaogana le mowa wa sepolotiki fa go itebagantswe le kgang ya molao-motheo a re seo, se ka folodisa maiteko a kgotla e, le go phirimisa ditoro tsa setshaba go bona kgololesego.
O supile fa merafe e tshwana le Basarwa, Backlogged le Baherero e le mengwe ya merafe e e sa lemogiweng ke molao motheo, mme kgotla e, e tlaa leka go tlisa tharabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2026


