Breaking News

Banni ba dumelana le koketso ya madi a dipagamano tsa sechaba

02 Feb 2026

Bontsi jwa banni ba Palapye ba supile fa ba sena bothata jwa gore puso e oketse madi a dipalamo tsa setshaba.
Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la dipalamo le mafaratlhatlha a dikago Rre Keoagile Atamelang ka Labobedi mo Palapye.
Maikaelelo a phuthego eo e ne e le go rerisa setshaba ka maikaelelo a puso a go oketsa madi a dipalamo tsa setshaba kgwedi ya Moranang e rogwa.
Mme puso ene ya bona go le botlhokwa go utlwa maikutlo a setshaba ka koketsego eo le go utlwa tirisanyo ya setshaba le boradipalamo tsa setshaba.
Rre Atamelang o ne a supa fa e ne e rile mo ngwageng o o fetileng malatsinyana pele ga malatsi a keresemose ba dipalamo tsa setshaba ba supa fa ba na le maikaelelo a go emisa go thusa setshaba fa madi a go duela dipalamo a sa okediwe.
O ne a tlatsa ka gore bane ba dumalana le ba dipalamo tsa setshaba gore puso e tla a oketsa madi a dipalamo go simolola kgwedi ya Moranang e rogwa mme pele ga moo go tla a rerisanngwa le setshaba gore go seka ga bewa ope ka fa mosing.
A re koketsego ya ditlhwatlhwa tsa dipalamo e nna morago ga ngwaga tse pedi, mme koketsego ya bofelo e nnile ka ngwaga wa 2022 jalo hee go le maleba gore go okediwe.
O ne gape a ba itsise fa lephata la gagwe le setse le itebagantse le go baakanya melao mengwe ka ba filwe boikarabelo jwa go rurifatsa gore mo ditseleng go na le pabalesego e e kwa godimo.
Le fa go ntse jalo mothusa, tona o ne a lebogela banni ba Palapye go ntsha megopolo e e farologaneng ka kgang ya gore puso e ikaelela go oketsa madi a dipalamo le dikgang tse dingwe tse di amang dipalamo tsa setshaba.
Banni ba ne ba supa fa go le sebaka madi a dipalamo tsa setshaba a sa okediwe ka jalo go maleba gore a okediwe.
Ntswa ba se kgatlhanong le gore madi a dipalamo a okediwe, ba ne ba kopa gore ba dipalamo tsa setshaba ba ipaakanye mo dilong dingwe di le mmalwa bogolo jang boitshwaro jwa bone, tomahawked ya dikoloi tse ba di dirisang gore bapalami le bone ba itumelele go ntsha madi a sepalamo e bile ba goroge ba babalesegile.
Banni ba ne ba supa fa ba ntsha madi otlhe a ba a lopiwang ke ba dipalamo tsa setshaba ntswa ba sa ba kgotsofatse.
Bontsi jwa dibui kwa phuthegong eo, ba ne ba supa fa go na le dingwaga ba ngongorega ka bo radipalamo tsa setshaba mo Palapye mme go sena sepe se se dirwang ke ba lephata le le maleba.
Ba ne ba supa fa ba dipalamo tsa setshaba go na le mafelo mangwe a ba ganang go ba isa kwa go one mme ba ba folosa ba ise ba goroge kwa ba supileng gore ba ya teng, mme ba solofela gore bapalami ba ntshe madi otlhe.
Ba ne gape ba ngongoregela ditsela mo motseng wa Palapye, ba supa fa di sa tsamaege e bile dingwe di felela di baka dikotsi.
Modulasetilo wa khansele ya Palapye Rre Kabo Ketshogile ene o ne a gatelela kgang ya go tlhoka tirisanyo mmogo ga boradipalamo tsa setshaba le banni ba Palapye.
O ne a supa fa go le makgetho a le mantsi bangwe ba supa matshwenyego ka bone mme dikgang tsa bone di sa tsibogelwe.
A re ka fa tshwanelong bapalami ba tshwanetse goisiwa kwa go tshwanetseng, are go ba  folosa kgakala lekwa ba yang teng go le kgatlhanong le teseletso ya dipagamo kampo mesepele.
O ne a supa fa a na le maitemogelo a gore boradipalamo tsa setshaba mo Palapye ga ba dirisanye sentle le bapalami ka le ene e le motswa setlhabelo.
A re lephata la dipalamo mo Palapye ba dira tiro ya bone mme ba remeletse thata kwa dipalamo tsa setshaba tse di yang kwa mafelong a a kgakala di emang teng, mme ba ikgatholositse dipalamo tsa setshaba tse di tsamayang mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2026