Breaking News

Magosi a kopa go tlhatlhelelwa ka kgotla ya molao motheo

02 Feb 2026

Go rutuntsha setshaba go tseneletse go ka fa Batswana sebaka se se ntle sa go ka atla mogopolo kgotsa go o gana ba phutholotse mahatlha.Se se boletswe ke Kgosi Johane Lesomo wa Ramatlabama fa a ne a akgela kwa phuthegong ya patlo maikutlo mo go tlhameng kgotla ya molao-motheo wa lefatshe e e neng e buisiwa ke Tona wa lephata la pereko le selegae, Major General Pius Mokgware kwa Good Hope ka Labotlhano.
Kgosi Lesomo a re gantsi mo dithuto-puisanong dingwe tsa bogosi, go atle  go supege go thulana ga molao mo go tsa ngwao, ditshwanelo tsa setho le sedumedi.
 “Keletso le kgakololo yame ke gore go tsewe nako e ntsi go rutuntsha Batswana ka kgotla ya molao-motheo”, ga kopa Kgosi Lesomo.
Kgosi Thabo Mathiba wa Mmathethe a re tshekatsheko ya go dira kgotla ya molao-motheo ke kgang e e yang go fetola matshelo a Batswana, ka jalo, a re go tlhokega gore magosi a nne le kitso e e tletseng le morero ka dikgang tsa mofuta o.
 O ne a supa matshwenyego a gore go lebega marara a saletse kwa morago mo morerong wa kgotla ya molao-motheo.
 A re go tshwanetse gore molao le kgotla ya molao-motheo tse di sekasekiwang di akaretse go baakanyetsa bogosi le melao ya Setswana, a re dikgosi di tshwanetswe go busediwa dithata mo molaong. A re kgang e, e emelwe ka dinao ka jaana bogosi bo gateletswe.
Mongwe wa ba-tsena phuthego Rre Francis Mokoto a re go ka nna molemo fa tshekatsheko e ka lemoga le go busetsa magosi dithata ka jaana go sa itumedise ka fa ditsamaiso tsa molao wa lefatshe di dirwang ka teng.
Mme Gokatweng Separa o atlile mogopolo wa tshekatshetsheko molao motheo , a re dikgang tsa boswa di tlhokisa magosi boroko, mme go tlhoka gore go nne le ka fa molao o ka thusang go di tshereganya ka teng.
Mme Separa o ne a atla mogopolo wa gore tsamaiso ya kgotla ya molao-motheo e tsile go tlhofofaletsa Batswana go itsheka.
A re seemo sa go itsheka kwa makgotleng a ditsheko se baya ba ba dikobo dikhutshwane ka fa mosing.
Bangwe ba banni ba re e re le ntswa ba amogela mogopolo wa go dirwa ga kgotla ya molao-motheo, ba eletsa gore mogopolo o emisiwe pele ka mabaka a gore go lebaganwe le go tokafatsa seemo mo mhameng wa botsogo le kgang ya temo go direla lefatshe leno dijo.
Fa a tsibogela matshwenyego a morafe, Tona Major General Mokgware o tlhaloseditse morafe gore puso e na le thulaganyo ya tse di tlang pele segolo jang botsogo jwa setshaba, jo e leng matshwenyego a ba le bantsi.
O rotloetditse setshaba go emela pego ya setshaba ya madi kgwedi ya Tlhakole e le boferabongwe go bona tse di rulagantsweng ke puso go tla pele mo lenaneong la tiriso ya madi go ya ka letlhoko la tsone.
 O ne a tlhomamisetsa morafe fa go na le baitsaanape ba e leng Batswana ba ba ithutetseng dikgang tsa melao-motheo.
O supile fa kgang ya bogosi mo molaong e le nngwe ya dikgangkgolo tsa kgotla ya molao motheo. A re le ntswa thulaganyo ya go begela magosi kwa ntlong ya dikgosi e dirilwe, a re tsholofelo e ne ele gore magosi a tlaa rerisa barwarrabone. Le fa go ntse jalo o tshepisitse fa a tlaa e tsaya mhago mabapi le go e sekaseka go ya pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Good

Event : Phutheogo ya patlo maikutlo

Date : 02 Feb 2026