Tlhaelo ya metsi e tla bona tharabololo
29 Jan 2026
a boleletswe fa thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi go tswa kwa didibeng tsa Dukwi e tsweletse sentle.
Se,se tlhomamisetswe ke Tona ya Metsi le Bonno, Rre Onnetse Ramogapi kwa phuthegong ya kgotla kwa Nata ka Mosupologo. A re tiro eo, e e tlaa lopang P500 million,e akaretsa go epiwa ga didiba, go agwa ga matamo a tlhotlhang metsi le ditanka tsa metsi.
Rre Ramogapi yo gape a leng mopalamente wa Palapye, a re tiro eo e e setseng e simolotswe go dirwa, e solofetswe go wediwa monongwaga ka kgwedi ya Ngwanatsele. A re seo e tlaa bo e le yone tharabololo ya sennelaruri, a supa gape fa go okeditswe didiba tse di leng teng ka tse tlhano, seo e le go oketsa metswedi ya metsi.
Mo go tse dingwe, Rre Ramogapi o boletse fa go nnile le tlhagogo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo kwa mafatsheng a Zimbabwe le South Africa. O ne a gwetlha banni go nna matlho a puso mo go thibeleng go anamela mono ga bolwetsi joo.
A re go a tshwenya go bona barui ba latlhegelwa ke leruo la bone ka ntata ya bolwetsi joo. O ne a kopa barui go nna le seabe ka go sala morago melawana e ba e beilweng pele ke ba lephata la taolo matlhoko a leruo.
Fa a ama ka lenaneo la Bonno,o kaile fa go segilwe ditsha di le 141 kwa Nata. A re rakonteraka o setse a neetswe tiro mme a tlaa thapa beng-gae. O boletse fa matlo ao morago ga go wediwa a tlaa bulelwa Batswana bogolo jang ba ba senang ditsha tsa bonno go a reka, a re dituelo di kwa tlase ka go nale a a duelwang P375 ka kgwedi.
Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a banni, Rre Ramogapi o boletse fa mo thulaganyong eo ya go atolosa go siela kgaolo metsi, go tlaa nna le fa go tlhatswiwang metsi teng go a fokotsa bokete jwa letswai gore a siamelwe go ka nowa.
E rile ba tsibogela tekodiso ya ga tona, banni ba ne ba amogela thulaganyo ya go siela metse ya bone metsi ka leshalaba le legolo. Kgosi wa Nata, Rre Justin Ntuane a re metsi a kgaolo eo a letswai mo e bileng a senya didirisiwa tsa bone.
Kgosi Ntuane a re seemo sa kgaogo ya motlakase le sone se a tshwenya, ka morago ga kgaogo eo, metsi le one a a kgaoga mme go tseye malatsi batho ba bolawa ke lenyora. Morago ga phuthego eo,tona o ne a etela madirelo a metsi, kwa a fetileng a lekodisiwa fa seemo sa thulaganyo eo se tsamaya sentle le ntswa se etla se kgorelediwa ke dipula tse di gosomaneng bosheng. BOPA
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Nata
Event : Phuthego
Date : 29 Jan 2026


