Bakgweetsi ba gwetlhiwa go fetola boitsholo
28 Jan 2026
Banni ba Mmadinare ba tlhalositse fa ba se kgatlhanong le koketso ya madi a dipalamo tsa setshaba. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dipalamo le dikago e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Boteti Botlhaba Rre Keoagile Atamelang kwa motseng oo ka Mosupologo.
Se e ne e le tswelediso ya morero ka mogopolo wa go oketsa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba. Banni ba kopile gore e re go okediwa ditlhwatlhwa go tsibogelwe le go baakanya ditsela tsa mo motseng ka di se mo seemong se se siameng.
Mongwe wa banni ba motse, Mme Nnonofo Mokotedi o tlhalositse fa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba lebile dikeletso tsa bone mme ba sena kgatlhego ya go thusa setshaba.
E rile a ba kgwa dikgaba tona Atamelang o ne a tlhalosa fa a utlwile selelo sa banni mme a kaya fa ditsela tsa fa gare ga motse di le mo tlhokomelong ya khansele ya Bobirwa. Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba di tshwanetse go seka sekwa morago ga ngwaga tse pedi mme go setse go le lobaka go sa okediwe.
O tsweletse ka go tlhalosa fa lephata le tsweletse ka go sekaseka le go baakanya molao, o mongwe wa o ne e leng wa tiriso ya diritibatsi. O ne a re molao o lemoga bojalwa e le jone seritibatsi se se sa letelelweng fa motho a kgweetsa le ntswa go na le tse dingwe tse di borai tse di ka dirang gore tlhaloganyo ya motho e bo e sa bereke sentle.
E rile a tsibogela tiego ya go dirwa ga tsela ya Mmadinare-Robelela ya dikhilomethara tse di masome mane, Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa e le boammaaruri go nnile le tiego gore kago ya tsela e simolole mme ba santse ba setse kgang ya teng morago.
Rre Atamelang o tlhalositse fa puso e latlhegelwa ke madi a mantsi mo go direng ditiro tse bontsi ja tsone di felelang di pala go fela mme ba le mo ditshekatshekong gore ditiro dingwe puso e di itirele.
Mo go itebaganyeng le bagwebi ba dipalamo tsa setshaba ba ba sa saleng ditsamaiso morago, Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa puso e tlaa ba gagamaletsa setoropo mo bangwe ba bone ba tlaa amogiwang diteseletso tsa bone.
O ne a rotloetsa bagwebi ba dipalamo tsa setshaba go fetola boitsholo jwa bone gore ba kgone go thusa setshaba ka fa go tshwanetseng ka teng, a tlhalosa fa go se maleba gore go bo go ka okediwa ditlhwatlhwa mme ditirelo tse ba di neelang setshaba e se tse di itumedisang.
Rre Atamelang o ne a tlhalosa fa dipuisano tsa ba lephata la dipalamo le ba mhama wa dikoloi tsa setshaba di sala di simologile ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phalane. Go solofetswe gore e re ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga ditlhwatlhwa tsa dipalamo tsa setshaba di bo di ka tsholetsega. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Mmadinare
Event : Phuthego
Date : 28 Jan 2026



