Breaking News

Kgotla kgolo ya molao motheo e sireletsa ditshwanelo

27 Jan 2026

Tona wa Lephata La Metsi Le Bonno Rre Onneetse Ramogapi a re dipego tsa gore puso e batla go nyeletsa katlholelo leso ka tshimolodiso ya kgotla kgolo ya molao ga se boammaaruri.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Lerala ka Labotlhano Rre Ramogapi yo eleng gape mopalamente wa kgaolo ya Palapye a re go a swabisa go bo dikgang tse di dirisiwa sepolotiki le go tsietsa Batswana.

Gakologelwang gore ka Dibotelo Commission ya tsheka tsheko ya molao motheo, Batswana ba buile gore ba eletsa gore Botswana a nne le kgotla kgolo ya molao motheo,” ga bua Rre Ramogapi.

O tsweletse a re go ditirigalo tsedi diragetseng mo Botswana di supa gore kgotla kgolo ya molao motheo ke yone nkabong e di rarabolotse.

“Rona rele puso, re fapaana le kgang ya gore Dibotelo Commission yone e ne ya tsaa tshwetso ya gore tse Batswana ba di batlang, e a di gana, nngwe ya tsone ele yone ya go thaa kgotla kgolo ya molao motheo,” tona a tlhalosa tswelela.

Rre Ramogapi o supile fa go tlaa nna le tlhopho lefatshe leno ka bophara gore a puso e a tswelela kana ga e tswelele ka go thaa kgotla kgolo ya molao motheo.

“Mo kgaolong ya rona ya Tswapong, go dikgang jaaka go tlhoka go dirisa noka ya Limpopo mo temo - thuong, ke tshwanelo e e tlhokang yone kgotla kgolo ya molao motheo,” ga bua mopalamente.

Rre Ramogapi o kopile Batswana go emisa go tsiediwa ke batho, ka tlhabololo e, e tsileng go ama dikgang di tshwana go thama mebereko, go atolosa le go tokafatsa boatlhodi.

“Dikgang tsa gore Tautona o gana go kaletsa magolegwa a atlholetsweng leso ga se boaamaruri,” ga bua Rre Ramogapi, a tlatsa ka gore kgotla kgolo ya molao motheo e tsile go thusa mo dikgannyeng tse.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Sello Moroka wa Lerala o supile fa a ema nokeng molao kakanyetso wa go thaa kgotla kgolo ya molao motheo.

“Nna tlhopho yame etsile go nna ee, gore re thae kgotla kgolo ya molao motheo, ebile ke rotloetsa morafe wame go tlhopha ee,”ga bua Kgosi Moroka.

A re dikgang tsa kgatako ya ditshwanelo tsa setho di tshwanetse tsa tsewa tsia le go baakanngwa. O tsweletse a re o tshwenngwa ke dikgang tsa sephiri tsa puso tse o fitlhelang di buiwa mo maranyaneng (Facebook/social media).

“Ga go nne sentle go bona dikgang tsa di ofisi tse di tona di ntshiwa mo maranyaneng, go sena bosupi jalo jalo,” Kgosi Moroka a tlhalosa, a tlatsa ka gore puso e tshwanetse ya sireletsa dikgang tsa yone tse disephiri. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Omphile Ntakhwana

Location : Lerala

Event : Phuthego

Date : 27 Jan 2026