Ba Mokgware ba lela ka tsela
27 Jan 2026
Banni ba motse wa Mokgware ba supile matshwengego ka tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le wa Mogome e ba neng ba solofeditswe fa e tla a dirwa mme mo nakong eno e ise e dirwe.
Ba re tsela eo ga e mo seemong se se siameng ka e re fa go le dipula ba sa kgone go tsamaya e bile gape e ba baya mo diphatseng. Ba ntshitse matshwenyego a bone jaaka fa mopalamente wa Palapye Rre Onneetse Ramogapi a ne a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi bosheng.
Banni ba re ba na le dingwaga ba bua ka tsela eo le bodiphatsa jwa yone mme ekare puso ga e tsiboge. Ba supile fa tsela eo e ne ya senyega thata fa dipula tse di mashetla di na mo ngwageng o o fetileng.
Ba re se se botlhoko tsela eo e na le sebaka e sa gopiwe mme fa e sa dirwe jalo e felela e nna mo seemong se se tlhobaetsang.
Le fa go ntse jalo Rre Ramogapi o ne a solofetsa banni fa tsela eo e tla a dirwa ka tsentswe mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 12 mme e tla a nna yone e tla a tseelwang kwa godimo fa go dirwa ditlhabolo tsa motse wa bone.
A re mo nakong eno puso e mo leshekereng la madi mme go na le tsholofelo ya gore dilo di tla a boela mo seemong. A re letlhoko la madi le kgoreletsa puso go direla Batswana ditlhabolo.
O ne a solofetsa banni fa ba lephata la ditsela ba tla a tswelela ka go gopa tsela eo gore e seka ya senyegela pele e bile e seka ya baya banni mo diphatseng bogolo jang fa dipula tse di bokete di na.
Mo go tse dingwe, Rre Ramogapi o ne a kopa banni go tsaya sebaka se ba lephata la metsi ba se ba neetseng ya go kgaola dikoloto tsa metsi ka bogare tse ba ntseng ba na le tsone. A re thulaganyo eo, e tla a tswelela go fitlhela kgwedi e e tlang e wela.
Rre Ramogapi a re puso e tla a tswelela e dira gore dituelo tsa metsi di seka tsa kokonela Batswana jaaka e ne ya tsaya tshwetso ya gore dituelo tsa metsi di fokodiwe ka selekanyo sa masome mararo mo lekgolong.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la metsi yo o okametseng kgaolong ya legare Rre Thabo Ndadi o ne a supa fa bontsi jwa banni ba sa tsibogela go tla kwa diofising tsa lephata la metsi go fokoletswa dikoloto.
A re lephata la metsi le ka seka la fokotsa sekoloto sa metsi mme mong wa sone o tshwanetse a tle kwa diofising tsa bone go buisana gore o tla a se duela jang go fitlhelela se fela.
A re sekoloto sa metsi kwa Mogome se tsamaya kwa go lekgolo le masome a fera bobedi a dikete tsa dipula (P180 000) mme se se raya gore banni ga ba a tsibogele go duele metsi.
O ne a re madi a dituelo tseo tsa metsi ke one a lephata la gagwe le a dirisang go tlhabolola ditirelo tsa metsi. O kopile banni go somarela metsi le gore ba a dirise sentle e bile ba seka ba a dirisa go nosa leruo. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Mokgware
Event : Phuthego
Date : 27 Jan 2026



