Mopalamente o akgola khamphani ya Colic Construction
27 Jan 2026
Mopalamente wa kgaolo ya Lobatse Rre Kamal Jacobs o akgotse ba khamphani ya Colic Construction Development ba ba tsweletseng sentle ka go aga le ntshafatsa dikago tsa madirelo a matlalo (Tannery) mo Lobatse.
A re se, ke bontlha bongwe jwa go tsosolosa toropo ya Lobatse. Mopalamete Jacobs o dirile kakgolo eo ka Labotlhano jaaka a ne a lekola kago sesha ya madirelo ao le gore khampani e e dirang tiro eo e tsweletse jang.
O tsweletse a batla go itse ka pabalesego le botsogo jwa setshaba bogolo jang batho ba ba nnang mo tikologong eo ka gore matlalo a na le monko le gone go oka ditshidinyana jaaka dintsi tse a reng di jesetsa banni mo lesweng e bile di ka ba tsenya malwetsi.
Mopalamente Jacobs a re babereki bangwe ba manolola nama e e salelang mo matlalong e e tlwaelesegileng ka leina la dikgogakgogano, morago ga go tlhabiwa ga dikgomo kwa matlhabelong a BMC, mme ba e rekise ka tlhwatlhwa e e kwa tlase.
O tlhalositse fa go supagetse fa nama eo e sa siamela botsogo jwa batho, ka jalo a batla go itse gore ba Colic Construction baa go dira jang ka kgang e.
E rile tswa la gagwe, mogolwane kwa khamphani eo, Rre Nerey Mchaile o tlhalositse fa ba ya go tlhakanya nama eo le mafura mme ba dire dijo tsa loruo jaaka dintsa, a tlatsa ka gore ga e a siamela botsogo jwa motho.
Mo go tse dingwe, Rre Mchaile o boletse fa kago ya madirelo ao e dirwa ka mokgwa o o faphegileng, ka jalo go sa ye go nna le monko go tswa mo matlalong.
A re lefelo le metsi a a sa tswang go tlhatswa matlalo a yang teng le ya go khurumelwa, mme e bile le tlaa bo le ka seka la oka dintsi.
Rre Mchaile a re mo nakong ya gompieno ba na le babereki ba le lekgolo le lesome (110) go tswa mo Lobatse, seo e le maiteko a go tlhama mebereko mo toropong.
O tsweletse a bolela gore go na le mabaka a le mmalwa a a dirang gore tiro e bo e saletse kwa morago jaaka seemo sa phetogo ya loapi. BOPA
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego
Date : 27 Jan 2026



