Bonno e tlaa aga matlo a le lekgolo kwa Lerala
26 Jan 2026
Tona wa Lephata la Metsi le Bonno o rotse khamphani e e tlaa agang matlo a le lekgolo kwa Lerala ka lenaneo la Bonno.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Lerala ka Labotlhano, Rre Onneetse Ramogapi, yo eleng gape mopalamente wa kgaolo ya Palapye a re puso e neetse khamphani ya Mendez Estates ditsha di le lekgolo kwa Lerala go di aga ka lenaneo la Bonno.
“Maikalelo ke go tlhama ditiro le go fa batho seriti ka bonno,” ga bua Rre Ramogapi, a tlatsa ka gore Mme Merapelo Toteng ke ene mookamedi wa khamphani eo.
O tsweletse a tlhagisa sechaba ka bolwetse ja tlhako le molomo jo bo tlhagogileng kwa South Africa le Zimbabwe, a re sechaba se eme ka dinao go tila kanamo ya jone mo Botswana.
“A re tlhokomeleng metsamao ya dikgomo tsa rona, e bile re nne le nnete mo go tlhagiseng ba ba lebaneng fa re itemogela leruo le le tlodileng molelwane,” mopalamente a tlhalosaO kopile barui go tlhatlhela leruo, ba le dise.“
A dikgomo di seka tsa saila saila,” ga bua Rre Ramogapi. O ne a supa fa Lerala a tlhoka go agelwa kokelo, go tila mosuke kwa sepateleng sa Palapye. O tsweletse a lebogela badirelapuso go bereka ka natla, ntswa dieemo tsa itsholelo di sa ema lefatshe sentle.
“Tshwarang fela jalo re tlaa fitlhelela maikaelelo a rona,” ga bua Rre Ramogapi.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lerala Bophirima Rre Loeto Tsebenyane a re sechaba sa Lerala se lebogela ditsha tsa Bonno, ka se se tlaa thusa mo letlhokong la boroko la badirelapuso.
O tsweletse a supa fa sechaba se dumalana le motheo wa kgotla kgolo ya molao motheo, a re go lebaka Batswana ba e eletsa.
“Ditshwanelo tsa setho di botlhokwa fela thata,” ga bua Rre Tsebenyane. BOPA
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Jan 2026




