Breaking News

Letsholo la go tlhatlhoba kankere le tsweletse

26 Jan 2026

Kankere ya molomo wa popelo e ka thibelwa fa bomme ba ka tsibogela go ya go e itlhatlhobela nako e sale teng.

Se se tlhalositswe ke Dr Daisy Nametsegang gotswa kwa kokelong ya Tsabong mo potsolosong le BOPA ka Laboraro jaaka ba tsweletse mo letsholong la go tlhatlhobela bomme kankere eo kwa kgaolong ya Tsabong.

Dr Nametsegang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba lephata la botsogo ba seegetse kwa thoko kgwedi ya Firikgong go ruta, go tsibosa le go rotloetsa bomme go ya go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo.

O boletse fa ba simolotse go bolotsa letsholo la go tlhatlhobela molomo wa popelo ka Mosupologo kwa kgaolong ya Tsabong mme mo nakong ya gompieno ba setse ba tlhatlhobile bomme ba feta makgolo a mararo e bile bangwe ba ba fitlhetsweng ka bolwetsi ba tsweletse ka go neelwa dithuso tse di maleba ke ba bongaka.

A re lekgotla la botsogo la mafatshefatshe (World Health Organazation) ka tshwaragano le lefatshe leno ba ipeetse seelo sa 90% wa go tlhomamisa gore basetsanyana ba dingwaga tse di boferabongwe go fitlha mo go tse di lesome le botlhano baa kentiwa go thibela kankere ya molomo wa popelo, 70% ya bomme ba itlhatlhobela kankere eo fa 90% e le wa gore ba ba fitlhelwang ba na le bolwetsi joo ba thusiwe ka tsa kalafi.

Dr Nametsegang o boletse fa kankere ya molomo wa popelo e kekela mo go bomme mo lefatsheng leno mme e bile bangwe e setse e ba gapetse matshelo, selo se a kgothaditseng bomme go ema ka dinao go itseela kgato le gone go gakolola bangwe go etela kwa dikokelong go itlhatlhoba ka seo se ka thusa go itseela dikgato tse di maleba nako e sa ntse e le teng.

A re ba lephata la botsogo ba tshwaraganetse letsholo le la go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo, le le tlaa welang ka Labotlhano, le Khansele ya Tsabong, maphata a puso a a farologanyeng, BOSASNET, NAHPA, Kgomotso Councelling centre, Tebelopele Councelling Centre go itlhatlhobela mogare wa HIV le malwetsi a mangwe.

Mongwe wa ba ba itlhatlhobetseng kankere ya molomo wa popelo Mme Dories Babeile (52) wa Omaweneno o ne a phophotha legetla ba lephata la botsogo go ba atameletsa ditirelo gaufi ka gantsi ba di latela kgakala kwa Tsabong.

Mme Babeile o ne a gwetlha bomme go itlhatlhobela dikankere tse di farologanyeng le malwetsi a mangwe gore ba kgone go itse seemo sa bone le gone go bona bongaka nako e sa ntse e le teng.  BOPA

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : Tsabong

Event : Potsolotso

Date : 26 Jan 2026