Breaking News

Ramaotwana o gakolola magolegwa go dirisa lenaneo la go ikaga sesha

26 Jan 2026

Magolegwa a iteetse legofi molao kakanyetso o o tlaa letlang go nna ba fiwa malatsinyana go ya go lekola ba malwapa a bone. 

Ba supile se fa tona wa boatlhodi le kago sesha ya magolegwa, Rre Nelson Ramaotwana a ne a ile go ba lekola kwa kgolegelong ya Molepolole ka bosheng. Tona Ramaotwana o ne a botsa magolegwa gore a ba tseneletse lenaneo la go ikaga le go boela kwa setshabeng le gore  a ba bona go na le tswelelo pele.

Fa ba araba, ba tlhalositse tsweletse le lenaneo e bile tsotlhe di le malala alaotswe. Rre Ramaotwana a re go ntse go na le tsamaiso ya gore legolegwa le ka ikopela go itshwarelwa go lebilwe mabaka a gore o itshwara jang, go lebilwe gape le nako e e mo saletseng mo kgolegelong, o ka fiwa sebaka sa go kwala a ikopela phokoletso malatsi a katlholo kgotsa go ya go feleletsa malatsi a gagwe a katlholo a direla kwa ntle ga kgolegelo. 

Tona o supile gore puso e santse e sekaseka gore e re mo isagong magolegwa a fiwe sebaka sa go nna ba ya go tlhola ba malwapa a bone. 

“Fa go ka tsamaya sentle, re sena go baakanya melao, fa o itshwara sentle o tlaabo o ka fiwa sebaka sa go tlhola ba lelwapa” ga tlhalosa Rre Ramaotwana. 

Le fa go ntse jalo Rre Ramaotwana a re ope yo tlaa tlolang taelo eo o tlaa gagamaletswa molao mme a itse fa a tlaabo a jele kgano. O ile a ba lemotsha gore ga se gore go tsena ka kgolegelo ke bomadimabe, mme puso e tlhaloganya gore motho o tsalwa ka phoso e bile phoso gape e baakangwa ke motho ka bo ene. 

Tona o gakolotse  magolegwa gore pelo potsane e a bofiwa a gatelela gore ba tshwanetse go ithuta go tshela sentle le mefuta yotlhe ya batho le go itse go laola maikutlo a bone fa a kgoberega go hema go iphitlhela ba dirile molato. Rre Ramaotwana a re  bontsi jwa bone bo lela ka go diega ga bone fa ba santse ba letetse go atlholwa ntswa ba tswaletswe mo kgolegelong. 

Fa bangwe ba ne a lela gore batlhokomedi ba ba kgoreletsa go tsaya dikalafi tsa makoa a bone ka tlhomamo. Bangwe ba ne ba re ba kopa gore metshameko e mengwe e akarediwa kwa dikgolegelong gore ba kgone ba somarele dikitso tsa bone gore di se ba latlhegele mme ba tle ba di dirise go itshetsa fa ba boela kwa setshabeng. 

Motshameko o o leng teng kwa kgolegelong ke wa kgwele ya dinao fela mme ba supa fa bangwe e se batshameki ba one mme ba na le metshameko e ba nang le dineo tse di tseneletseng mo go yone e bile bontsi jwa bone ba santse ele banana ba lefatshe le ka tsogang le ipela ka bone. 

Ba ba gogang motsoko ba ne ba itela ka gore ba kopa gore motsoko wa sekerete o letlelelwe ka gore fa o seo ba tlelwa ke go bua ka pelo, tshakgalo le go gatelelwa ke maikutlo mme se se tsose kgotlhakgotlhano gareng ga bone le batlhokomedi ba bone kgotsa le magolegwa a mangwe. 

Magolegwa gape ba ne kopa puso go ba thusa ka didirisiwa tse ba tlaa di dirisang fa ba boela kwa setshabeng gore ba kgone go itirele madinyana go simolola botshelo. Ba ne ba kopa gore a ba hiriwe mo ditirong tsa dikonteraka tse dikgolo tse puso e di fang dithentara mme lemmenyana le ba le bonang go tsweng kwa ditirong tseo le dirisiwe go ba rekela didirisiwa kgotsa ba le fiwe fa ba boela gae. 

Magolegwa ba re fa ba dirisiwa ke puso mo ditirong tse go ka fokoletsa puso go duela madimadi mme go thuse gore itsholelo e tlotloane. Ba kopile tona gore  dipampiri tsa dikgang di letlelelwe gore ba kgone go ipaya mo dinakong ka dikgang tse di ba amang le tsa setshaba ka kakaretso. O ne a ba tshepisa fa a tlaa tsaya dikgang le matshwenyego a bone ka tlhoafalo. BOPA

Source : BOPA

Author : Keetile Bontsibokae

Location : Molepolole

Event : Bokopano

Date : 26 Jan 2026