Therisanyo e maleba - Moswaane
22 Jan 2026
E ne ya re ka Labobedi mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Ignatious Moswaane a buisa banni ba Selebi Phikwe, se e le tswelediso ya dipuisano tsa go tlhoma kgotla ya molao-motheo.
Rre Moswaane o ne a re therisanyo le morafe e maleba mo pusong ya batho ka batho, ka jalo go le botlhokwa gore setshaba se kgone go nna le seabe mo go tseyeng ditshwetso mo go se se dirwang mo lefatsheng.
Rre Moswaane o ne a simolola puo ya gagwe ka go tlhalosetsa morafe fa kgotla ya molao-motheo e le ya maemo a a kwa godimo e e tla a bong e tlhomamisa gore ditshwanelo tsa setho ga di gatakiwe le go rarabolola dikgang tsotlhe tse di amanang le molao.
O ne a re fa go na le dikgang tse dintsi tse di iseng di sekwe kwa makgotleng a ditsheko, kgotla ya molao-motheo e ka nna yone tharabololo.
O tlhalositse fa kgotla ya molao-motheo e tla abo e itebagantse le go seka seka melao yotlhe e e tla a fetisetswang kwa palamenteng go tlhomamisa gore ga e gatake ditshwanelo tsa batho.
O file sekai ka babereki ba pele ba moepo wa BCL, a kaya fa ditshwanelo tsa bone di ne tsa gatakiwa, ka dingwe tse ba neng ba di solofeditswe ba ne ba seka ba di bona.
O ne a re fa nne lekgotla le le teng ka nako eo, ba ka bo ba ne ba nna le sebaka sa go italic mme ba bona se se neng se ba lebane.
E rile ba mokgwa dikgaba, bangwe ba banni ba ne ba tlhalosa fa ba le sebete se molangwana ka mogopolo, ka o tla ka nako e itsholelo e phutlhameng. Mme Sinah Teemane o ne a tlhalosa fa lekgotla la ditshwanelo le le botlhokwa, mme kakanyetso e tla ka nako e lefatshe le senang madi.
O ne a re go botlhokwa gore go itebaganngwe pele le se se tlhokiwang ke setshaba.
Rre Moswaane o ne a tlhalosa fa e ne ya re mo nakong e e fetileng, go ne ga tlhomiwa lekoko le le neng le itebagantse le go tsamaisa morero wa go seka seka molao-motheo o maduo a yone a neng a supa fa Batswana ba sa itse sepe ka molao-motheo le gore o raya eng mo matshelong a bone.
Mme Teemane a re go botlhokwa gore go simololwe ka go ruta batho ka molao-motheo gore ba bo ba na le lesedi fa go ya go tsenwa mo go ya go tlhoma kgotla ya molao-motheo, a tlhalosa fa a se kgatlhanong le mogopolo o tona tileng ka o ne.
E rile a ntsha malebo, mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima Rre Reuben Kaizer o kaile fa ene a le kgatlhanong le ka fa puso e batlang go fetola molao-motheo ka teng.
Rre Kaizer o tlhalositse fa go na le tsetlana ya lesome le boferabobedi ya molao-motheo e e buang ka ditshwananelo tsa setho, mme go ka itebaganngwa le yone ya nonotshiwa go na le gore go tlhamiwa kgotla molao-motheo e e yang go lopa lefatshe madi a mantsi a a ka dirisiwang mo ditirong tse dingwe.
O ne a gakolola ba-tsena-phuthego fa ba na le tshwanelo ya go seka seka dikgang tse ditona a di ba beileng pele go bona gore se se ba siametseng ke eng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi phikwe
Event : Dipuisano tsa kgotla ya molao motheo
Date : 22 Jan 2026



