Breaking News

Badiri ba Tirelo Sechaba ga se barutabana

22 Jan 2026

Badiri ba Tirelo Setshaba ga ba se barutabana, mme tiro ya bone ke go thusa barutabana.
Motshwarelela Mogolwane wa lephata la thuto kwa kgaolong potlana ya Kanye (Kanye education sub region), Mme Galaletsang Robi o tlhalositse fa go le maswabi go utlwalela fa badiri ba Tirelo Setshaba jaanong e le bone barutabana.
Se se supagetse kwa bokopanong jwa pitso ya thuto jo bo neng bo rulagantswe ke mopalamente wa Kanye West Rre Victor Phologolo ka Labobedi, kwa sekolong se se botlana sa Segwagwa. Mme Robi o boletse fa seabe sa ba-tsaya karolo ba Tirelo Setshaba se  le botlhokwa ka jaana ba thusa barutabana ba ba faraferweng ke tiro.
A re le fa go ntse jalo ga ba letlelelwe go ruta bana ba sekolo ka jaana ba sa rutuntshiwa tiro ya borutabana. O ne a tshepisa fa se, se tlaa latedisiwa go hema selelo se se aparetseng sekolo seo sa maduo a a kwa tlase. Pitso e, e ne e itebagantse le go sekaseka seemo sa maduo a a sa itumediseng a sekolo se se botlana sa Segwagwa se se bonyeng 17.5% mo maduong a Lekwalo la bosupa ka ngwaga wa 2025 mo dikolong tsa
Go le pele, batsadi ba ne ba ntsha matshwenyego, a akaretsa letlhoko la dibuka, go rutwa ga bana ke badiri ba lenaneo la Tirelo Setshaba, le kakanyo ya gore morutabana a tlhatloge le setlhopha mo loetong lotlhe lwa thuto.
Mme Robi a re le fa sekolo se aparetswe ke dikgwetlho tse, go supega fa e le dikgwetlho tse di sa farologaneng le tsa dikolo tse dingwe ka jaana ba iteka thata go ntsha maduo mme a kgothatsa thata gore dikgwetlho tse di seka tsa gatelela thata ba-tsaya karolo ba thuto kwa Ga Segwagwa.
Godimo ga tseo a re se se itumedisang ke gore bana ba lokwalo lwa ntlha ba Ga-Segwagwa, ba dira sentle thata ngwaga le ngwaga ka ba kgona go tshwara go bala le go kwala ka seelo se se kwa godimo go fitlhelela kwa mephatong ya bofelo e e ko tlase( lower classes). A re sebe sa phiri ke gore tsela e latlhega jang fa go tsena mo mephatong e e fa godingwana .
Mme Robi a re mo gare ga ba-tsaya karolo ba thuto, ga go ope yo o itumedisiwang ke maduo a sekolo seo.
Fa a tsibogela matshwenyego a mangwe a batsadi, Mme Robi o boletse fa lephata la thuto le kgonne go dira theko ya dibuka tse di balwang mme a re sekolo se di solofele nako nngwe le nngwe.
O tlhalositse fa mogopolo wa batsadi wa gore barutabana ba fetele le baithuti kwa mephatong e e latelang e ka nna le tshiamo le tshiamologo segolo jang fa gongwe morutabana a ka nna le botsogo jo bo sa iketlang, a re go ka felela go busetsa bana morago mo dithutong.
Fa a tshwaela mabapi le dikgwetlho mothusa mogokgo wa sekolo sa Segwagwa, Mme Lorato Jack o ne a supa fa seemo sa boroko jwa barutabana se sa ba jese diwelang ka jaana bangwe ba nna kwa Kanye ka ntlha ya tlhaelo ya boroko mo motseng.
A re barutabana ba le barataro ba nna kgakala le sekolo le ntswa go le mo motseng. O kopile gore a rolwe tiro ya go ruta gore a kgone go lebagana le go thusa mogokgo. O ne a re ga a dire tiro ya mothusa mogokgo sentle ka ntlha ya go thusa go ruta bana.
A re bonno jwa barutabana ga bo a agelelwa, se se baya diaparo tsa bone mo diphatseng tsa go jewa ke dikgomo fa ba ile tirong.
A re sekolo se dikaganyeditswe ke sekgwa le tlhaga mo e bileng ntlwana nngwe ya bathuti e sa dirisiwe ka jaana noga e tshelela mo teng. Mo godimo ga moo o kaile fa botsogo jwa badiri bo le mo seemong se se sa itekanelang ka ntlha ya go tshelela mo leroleng la mantle a bommanthwane segolo jang mo ofising ya ga mogokgo.
Fa a ntsha la gagwe mopalamente Rre Phologolo a re, matshwenyego a a amang bana ga a a tshwanelwa go mpampediwa. A re go le gantsi batsadi ba bana ba saletse kwa morago ka thuto ya bana ba bone.
A re jaaka thuto e le pitsa ya matshego a mararo; ngwana, motsadi le morutabana; gantsi boikarabelo bo tlogelelwa morutabana mme go solofelwe tokafalo maduo.. Mopalamente o tlhalositse fa go sa tshwanela go nna jalo. A re ga se gore fa ngwana a tsaya nako e ntsi a na le morutabana go tshwanetse go fedisa boikarabelo jwa motsadi.
O kopile ba-tsaya karolo go sala ba rulaganya le go sekaseka tsela go ya pele go bona ka fa go ka tokafadiwang maduo ka teng mme a tshephisa fa go tlaa nna le bokopanao mo dibekeng tse pedi tse di tlaa latelang go kopanya megopolo.
Bokopano jo bo ne bo tsenwe ke ba-tsaya karolo ba akaretsa batsadi, barutabana le bana ba sekolo sa Segwagwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Segwagwa

Event : Pitso ya Thuto

Date : 22 Jan 2026