Breaking News

Kgotla ya molao motheo e botlhokwa

21 Jan 2026

Molao o o tsamaisang molao-motheo le o o tlaa tsamaisang kgotla e go akantsweng gore e tlhongwe ya molao-motheo e tshwanetse ya kwalwa ka diteme tsa mo gae gore Motswana mongwe le mongwe a kgone go e ipalela.
Mogopolo o o dule ka Kgosi Sibangani Mosojane wa Mosojane fa tona ya tsa pereko le selegae Major General Pius Mokgware a ne a lekodisa setshaba ka kakanyetso ya go tlhongwa ga kgotla ya molao-motheo kwa Masunga ka Mosupologo.
Kgosi Mosojane a re go kwala melao ka puo ya Sekgowa fela go rontsha Batswana sebaka sa go ka tlhaloganya melao botoka.
Mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani ene o ne a ngongoregela therisanyo ka go tlhongwa ga kgotla eo, a re morero ga o a fiwa nako e e lekaneng e bile ga o akaretse metse yotlhe.
Rre Tobokwani o supile matshwenyego a gore le ntswa kgotla eo e ya go dirisiwa ke batho botlhe, therisanyo ga e a akaretsa maikutlo a dikarolwana tsa setshaba di tshwana le ba-nale-bogole le banana.
Monni, Rre Tshabadira Mosasane ene o tshwaetse ka go supa fa go potlakela go tlhoma kgotla ya molao-motheo go se maleba mo seemong se se sa kgatlhiseng se itsholelo e leng mo go sone, a re boemong jwa seo go tshwanetse ga potlakelwa go baakanya seemo sa tlhaelo ya melemo mo dikokelong.
Go sale foo, Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o ne ene a kaya fa kgang ya tshekatsheko ya molao-motheo le go tlhongwa ga kgotla ya molao-motheo di tsile ka nako e e maleba ka ditswa kgakala di ntse di umakiwa e bile le dipotso tse di itebagantseng le tsone di setse di kile tsa bodiwa kwa palamenteng le kwa Ntlo ya Dikgosi.
Kgosi Maruje III a re kgotla ya molao-motheo ke yone e e tlaa bong e letlanya setshaba le go sireletsa dithoto le dikeletso tsa sone, a tlatsa ka gore go tlhongwa ga kgotla ya go nna jalo go tlaa rarabolola dikgang tsa gore go iwa kae fa go setse go sekasekwa molao-motheo wa lefatshe.
O gateletse gore go ka nna molemo fa kgotla eo e ka tla ya tlotla le go sireletsa ngwao ya Batswana e e simololang fela kwa lapeng e bo e anama le dikarolo tse dingwe tsa botshelo.
Mo pegong ya gagwe, Tona Mokgware o ne a tlhalosa fa mogopolo wa go simolodisa kgotla ya molao-motheo o tsile ka ntlha ya go lemoga botlhokwa jwa yone mo go tsamaiseng diphetogo tse di tlhokang go diragadiwa jaaka tse di amang molao-motheo.
Tona o boletse fa makgotla a ditsheko e leng kgotla-kgolo ya boikuelo, kgotla-kgolo ya ditsheko le kgotla ya ga mmakaseterata di sa lekana go mekamekana le dikgang tse di amang molao-motheo.
A re dikgotla tse tharo tse di itebagantse le borukutlhi le go itsheka fa motho a dumela gore ope fela ga a mo direla sentle, mme a supa fa go le dikgato tse dintsi tse motho a tlamegang go di tsamaya go ya go goroga kwa setlhoeng e leng kwa kgotleng-kgolo ya boikuelo.
Rre Mokgware o supile fa tsamaiso e e le madiadia e bile e lopa baikuedi madi a mantsi ka e tlhokana le babueledi go ba tsamaisetsa ditsheko.
A re lengwe la mabaka a a gwetlhileng kakanyetso ya go tlhoma kgotla ya molao-motheo ke gore makgotla a a leng teng ga a kgone go tsaya ditshwetso mo dikgannyeng di tshwana le tsa ditlhopho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Masunga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 Jan 2026