Dikgang tsa tiriso bana botlhaswa di a gola kwa Tswapong
20 Jan 2026
Mo ngwageng oo hetileng, go kwadisitswe dikgang di le masome a matlhano le bosupa tsa go dirisa bana botlhaswa ka go tlhakanela dikobo le bone mo kgaolong ya Tswapong.
Se se builwe ke mopalamente wa Tswapong North, Rre Prince Maele, yo gape e leng tona ya lephata la thuto e kgolwane kwa phuthegong ya kgotla kwa Seolwane bosheng.
“Ka 2024, go kwadisitswe dile masome a mararo le botlhano , mme mo ngwageng wa 2026, Hirikgong a simologa go ya go tsena a le lesome le bobedi, go setse go kwadisitswe di le thataro,” go bua Rre Maele.
A re gape go swabisa nko go heta molomo gore batsadi bangwe ba bipe dikgang tsa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba imileng.
A re gape dikgang tsa go itseela kobo ka dikgoka, tiriso ya ditagi le nnotagi le tsone di a tshwenya.
Ka jalo o kopile batsadi go ema ka dinao go lwantsha dikgang tse ka di senyetsa bana bokamoso.
Rre Maele o ne a akgolela sekole sa Seolwane maduo a lekwalo la bosupa.
O kopile banni ba Seolwane go nna podimatseba morago ga go tlhagoga ga bolwetse kwa tlhako le molomo kwa South Africa.
“A re nneng podi matseba go tila kanamo ya bolwetse jo mo garona. Kgaolo ya rona e mabapile le South Africa ga mmogo le Zimbabwe, ka jalo, emang ka dinao le nne malalaalaotswe.”
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Peter Motaleng, o tshwaetse ka matshwenyego a go tlhoka boroko ga badirelapuso mo motseng.
O supile fa go sena dijo kwa dikoleng ga mmogo le ditilo le ditafole, a re dikago le tsone di onetse di tlhoka go ntshafadiwa.
“Re wetswe ke seru sa dipeba, di ja magapu, mabele mo ditshimong tsa rona, re kopa ba lephata la temo ba re thuse.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Lerala
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Jan 2026




