Breaking News

'Dirisang mananeo go godisa temo thuo'

20 Jan 2026

Banni ba kgaolo ya Shoshong ba otloeditswe go dirisa mananeo a puso go godisa mhama wa temo-thuo.

Thotloetso e o, e ntshitswe ke mopalamente wa Shoshong, Rre Moneedi Bagaisamang, a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Mosupologo.

A re puso e tsweletse ka go loga maano a go tlhabolola temo thuo, ka jalo o rotloeditse batsena phuthego go dirisa mananeo jaaka la Lemang Dijo le A Di Tsale go oketsa thobo le dipalo tsa leruo.

Mo go tse dingwe, Rre Bagaisamang a re puso e tla dira ditlhabololo di le mmalwa ka lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le bobedi (National Development Plan 12) mo Shoshong.

Dingwe tsa ditlhabololo tseo, di akaretsa kago ya diofisi tse di kopanetsweng tsa makalana a puso ka go farologana, mapalamelo a dipalamo tsa setshaba mo Shoshong, le tse dingwe tse di tla dirwang mo metseng ya kgaolo ka go farologana.

Le fa go ntse jalo, Rre Bagaisamang a re tlhaelo ya madi ke sekgoreletsi se segolo mo go se puso e ikaelelang go se dira go godisa itsholelo le go tokafatsa matshelo a batho ka kakaretso.

Ka jalo a re puso e tsweletse ka go ngoka babeletsi ba ba tla thusang go diragatsa maitlamo a yone.

O tlhalositse gape fa Bonno National Housing Programme, le le thusang go agela batho bonno jo bo eletsegang, le tsweletse sentle.

Gape, a re lenaneo la Ikage le tla a simolodisiwa ka ngwaga wa madi wa 2025/2026 o rogwa, mme e bile dikatso di okeditswe go ya kwa go P2 500.

Fa a ntsha pego ya komiti ya ditlhabolo tsa motse wa Shoshong, modulasetilo, Mme Gaone Bosenogile a re o tshwentswe ke gore dikago tsa dikole di onetse.

A re gape, baithuti ba ba mo lenaneong la tshipidi tonto la go ipaakanyetsa mophato wa ntlha, ba tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, selo se a reng se a tshwenya. 

A re le fa seemo sa metsi se tokafetse mo motseng, go santse go nale mafelo mangwe a metsi a sa gorogeng kwa go one.

Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong a re ba tlhorwa boroko ke dikgang tsa dipolaano, a tlatsa ka gore borukuthi jwa kgokgontsho bo kwa godimo, mme bo akaretsa thata dikiteo segolo bogolo, batswa-setlhabelo e le bomme.

A re le fa borre ba lejwa jaaka basireletsi mo malwapeng, go a tshwenya go bona ba fetogile dilalome tse di kgokgontshang bomme le bana.

Kgosi Kgamane o kopile morafe wa Shoshong go dira maitlamo a go simolodisa ngwaga o mosha o bopagane, o le seopo sengwe go tlhabolola motse.

Le fa go ntse jalo banni bangwe ba ne supa fa ba baba lebadi ka jaana ba tswa kgakala ba solofediwa ditlhabololo, mme di sa diragadiwe.

Mongwe wa banni, Rre Montshiwa Theo a re o tshwenngwa ke seemo se se maswe sa tsela e gokaganyang Shoshong le Mahalapye.

A re le fa e tshetswe sekontiri, ga e tsamaege ka ele dikhuti, le gore e hupeditswe ke ditlhare tse di mo matlhakoreng a yone, ka jalo seo se le borai ka go se motlhofo go bona leruo le le ka bakang dikotsi.

O kopile gore seemo sa tsela e se tsibogelwe e ise e gape matshelo a batho.

Rre Theo o kopile gore ditanka tsa matlakala tse di neng di beilwe mo thoko ga ditsela di busediwe ka di ne di thusa go laola matlakala le go somarela tikologo gore e nne phepa. BOKHUTLO 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Shoshong

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Jan 2026