Melao E Mesha E Tsisa Ledula Le Tsosoloso Itsholelo
14 Jan 2026
Goromente o tla dira tshutiso ya melao mengwe e ntseng e beile Batswana le puso ka fa mosing.
Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa Mahalapye East, Rre Augustine Nyatanga fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahalapye ka Labobedi. Rre Nyatanga o supile fa go setse go dirilwe ditshutiso tsa melao e le masome mararo le bobedi, mme o nankotse e le mekawana e e setseng e le mo tirisong.
“Re setse re nnile le dipuisanyo kwa palamenteng tse di santseng di tsile go tswelela go netefatsa gore ditshwanelo tsa Batswana ga di gatakiwe mme e bile go tshelwa ka ledula,” ga bua jalo Rre Nyatanga.
“Jaaka ha re setse re kile ra umaka gore ga gona madi mo sekgwameng sa lefatshe la rona, re dumalanye go emisa go ikaega thata ka diteemane mme re tsositse dinao thata ka fa go netefatseng gore lekgetho la dithoto le a duelwa,” ga bua Rre Nyatanga.
Rre Nyatanga, yo gape e leng mothusa tona wa tsa boatlhodi le ikgago sesha, a re go kgethisa dithoto go ka thusa go tshegetsa itsholelo ya lefatshe ka e bile go lebega batho ba kolota lekgetho ka dipalo tse di kwa godimo.
O gateletse gore molao oo wa lekgetho o tla thusa le gore dithoto di duelwe ka maranyane, ka go supegile fa dikgwebo tse dintse tsa batswakwa di sa duele lekgetho ka go sa kgonagale go ba duedisa ka dikarata tsa dibanka.
Rre Nyatanga a re lekgetho le tshwanetswe go duelwa mme e bile le molao o o tlhokomelang tsa maranyane (Digital Platform Bill) le one o tlaa simolola go tsena mo tirisong.
O tlhalositse gore molao o mongwe ke wa tsa pereko o o gwetlhang bahiri go oketsa dikonteraka go tswa go dikgwedi tse tharo go ya kwa ngwageng, se e le go sireletsa babereki ka jaana go ne go setse go na le dingongora tsa go sa duelwa sentle mabapi le kgang e ya dikgwedi tse tharo.
“Re itemogetse gore bahiri ba tshaba go duela babereki dituelo tsa bone tse di ba lebaganyeng morago ga tiro e fela (severance benefits) ka jaana ba a bo ba theogetse lebaka le le khutshwane mme go hirwe ba bangwe gore ba tsweledise,” ga bua Rre Nyatanga.
A re molao o mongwe o o sutisitsweng ke o o sireletsang Batswana mo borukutlhing jwa maranyane (Cyber Crime Security).
“Melato e mentsi e diragala mo maranyameng, mme badira melato ba tshwanetse go lebisiwa melato eo.”
A re le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi ba mo diphatseng ka jaana ba kgona go dirisiwa botlhaswa mo maranyaneng ka gone go tlhoka go itse le go sirelediwa. BOPA
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Jan 2026


