Breaking News

Tema e le nngwe e ka ntsha mo go bonalang - Tona

14 Jan 2026

Mopalamente wa Tswapong North, Rre Prince Maele a re tema e le nngwe e balemi ba thusiwang ka yone ka lenaneo a Lemang Dijo e ka ntsha dijo tse di botoka fela thata.

O buile jalo fa a buisa banni ba Lecheng le Malaka bosheng. Rre Maele a re baitseanape ba temo ba supile fa tema e le nngwe e ka ntsha dikgetsi di le masome a mabedi a se se lemilweng se tshwana le mabele, mmidi le dinawa.

Ka jalo a re balemi ba seka ba galala tema eo ba re ga e a lekana. Rre Maele o buile se, a tsibogela dilelo tsa bangwe kwa Lecheng le Malaka ba ba neng ba ngongoregela gore puso e fokoditse ditema tse ba di lemelwang go tswa mo go tse nne go ya kwa go e le nngwe ba supa fa ba tsile go bolawa ke tlala ka ba tsile go ntsha dijo tse dinnye.

Rre Maele o supile fa tema e le nngwe e ka le tla balemi go tlhokomela temo ya bone sentle go na le fa ditema di le dintsi tse di neng di lemiwa mo nakong e e fetileng di bo di ntsha maduo a tema e le nngwe. 

Fa a tsibogela kgang e nngwe e Mme Chana Monyama wa Malaka a neng a ngongorega ka yone ya Re A Nyalana e banyalani ba sa saleng thulaganyo ya morero wa Setswana, Rre Maele lenaneo leo le dirwa ka thulaganyo ya ofisi ya ga molaodi. Mme Monyama o ne a supa fa go siama gore banyalani ba seka ba sala tsamaiso ya Setswana jaaka ya bogadi. 

Tona Maele re fa monna le mosadi ba batla go nyalana ba bo ba ya kwa go molaodi, molaodi ga a botse sepe gore magadi a kae, ka magadi e le tsamaiso ya Setswana ya go leboga batsadi ba mosetsana e le tlotlo fela.

A re bangwe ba ba dirisang Re A Nyalana ke bangwe ba ba sa bolong go nna mmogo mme ba sena ditsompelo tsa go ntsha magadi ka a lopiwa a le mantsi a supa fa bontsi jwa bone ba nna ka kagiso mme go se molato gore ba nyalane.

O ne a rotloetsa banni go sa ipone tsapa mme ba ikwadise mo lenaneong la Re A Nyalana ka le ka ba sologela molemo bogolo jang fa yo mongwe a tlhokafala mme a tlogela dithoto mme go thusa jalo ka go fedisa dikgotlhang.

Rre Maele o ne gape a lekodisa banni ba kgaolo ya gagwe fa seemo sa itsholelo ya lefatshe leno se sa tokafale ntateng ya diteemane tse di sa rekiweng mme puso e sa nna fela ka e lebile mehama e mengwe e tshwana le ya temo thuo, tsa maranyane le tse dingwe.

O ne a tsibosa banni ka bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogile kwa South Africa. A re barui ba nne podi matseba thata mo leruong lwa bone ka bolwetsi joo bo le diphatsa. BOPA

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lecheng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 14 Jan 2026