Breaking News

Letlhoko la madi le ama lenaneo la NDP 12

13 Jan 2026

Banni ba Masunga ba tlhaloseditswe fa dingwe ditlhabololo di sa akarediwa mo lenaneong la ditlhabololo la bo lesome le bobedi (National Development Plan 12) ka lebaka la letlhoko la madi. 

Se se builwe ke Mopalamente wa Tati West, Rre Justin Hunyepa kwa phuthegong ya kgotla kwa Masunga bosheng. A re ditlhabololo tse di amegileng di akaretsa kago ya sekole se se botlana, ka banni ba Masunga ba ne ba kopile go agelwa sekole sa bobedi. 

Rre Hunyepa, yo gape e leng mothusa tona wa thuto e kgolwane, o kopile banni go nna pelotelele. Le fa go ntse jalo o ba solofeditse fa ditlhabololo di akaretsa go agelwa lefelo la setimamolelo le mealo ya kgopo ya metsi a a leswe di akareditswe mo NDP 12. 

O tlhalositse fa tsela ya A1 go tswa Ramatlabama go ya Ramokgwebana e tla dirwa ka thuso ya ba beeletsi bangwe ba -ba setseng ba supile kgatlhego. 

Mo go tse dingwe, Rre Hunyepa o supile fa mananeo a akaretsa Lemang Dijo le A Di Tsale, a direletswe go rotloetsa Batswana go inaakanya le go tlhabolola mohama wa temo thuo gore o nne le seabe se se haphegileng mo go tsosoloseng itsholelo ya lefatshe leno.

A re seemo sa itsholelo ya Botswana se a tshwenya ka e ntse e e ikaegile ka ditswangmmung di akaretsa diteemane. A re go tswakanya itsholelo ka temo thuo go ka thusa go tlhamela Batswana mmereko.

Mo dikakgelong tsa bone, mongwe monni wa Masunga, Rre Amos Nthuru nako e gorogile ya go puso e tlhome tollgates mo ditseleng dingwe go dira madi a a ka thusang mo dtlhabololong. BOPA

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Jan 2026