Tsayang Karolo Mo Go Oketseng Palo Ya Dikgomo
13 Jan 2026
Mopalamente wa Tswapong North o kopile banni ba Manaledi go tsaya karolo mo moonong wa go oketsa palo ya dikgomo mo Botswana.
Mo nakong eno, palo ya dikgomo ke 1.7 million, mme puso e na le maikaelelo a go godisa palo eo go ya kwa go 5 million.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Manaledi, Rre Prince Maele a re go oketsa dikgomo, ke nngwe ya mogopolo o Tautona Advocate Duma Boko a o setseng morago. Ka jalo, o kopile botlhe go nna le seabe mo moonong oo.
Rre Maele, yo gape e leng, tona wa lephata la thuto e kgolwane, o rotloeditse barui go oketsa palo ya diruiwa diakaretsa ditonki, dipudi, dinku, dipitse, le tse dingwe.
Gape, o ne a kopa banni go dirisa mananeo a temo thuo a akaretsa la Lemang Dijo. A re go dira jalo go ka thusa go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno ka seemo sa itsholelo sa theko ya diteemane se sa tokafale.
Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Botswana Economic Transformation Programme le tsweletse ka tsholofelo e le gore le tla thusa go tlhama mebereko. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go itshwarela dikoloto tsa metsi go fitlhelela Tlhakole e ya fifing. BOPA
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Manaledi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2026



