Tiriso Botlhaswa Ya Bana E A Tshwenya - Maele
13 Jan 2026
Dikgang tsa thubetso le tiriso botlhaswa ya bana le ditagi di a tshwenya.
Se se builwe ke Mopalamente wa Tswapong North, Rre Prince Maele kwa phuthegong ya kgotla kwa Manaledi bosheng. Rre Maele a ka jalo go matshwanedi gore ba sepodisi le morafe ba tshwaragane go lwantsha dikgang tse.
Mo go tse dingwe, o kopile banni ba motse oo, go nna sekao mo baneng ba bone ka ba ithuta dilo di le mmalwa mo go bone. O buile jalo morago ga go utlwa fa motse oo o aparetswe ke dikgang tsa ntwa le dikgogagogano.
Rre Maele, yo gape e leng tona wa thuto e kgolwane, o gakolotse banni gore tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse e hetogile. A re maloko a masha a dikomiti tseo a tla tlhophiwa mo nakong e khutshwane lefatshe ka bophara.
O ne gape a akgola sekole se sebotlana sa Manaledi mo phenyong ya sone ya maduo a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ka 100 per cent.
Fa ba tswa la bone, banni ba kopile Rre Maele go laletsa Tautona Advocate Duma Boko go tla go ba lekola le go bona motse wa bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Manaledi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Jan 2026



