Ba eletsa Botswana yo montle
12 Jan 2026
Ngwaga wa 2026 ke oo haphegileng mo Batswaneng, ka lefatshe leno le tlaa bo le ipelela ngwaga tse di masome a marataro le ipusa.
Di le dintsi di diragetse mo dingwageng tse di fetileng, tse Motswana a ka ipelang ka tsone. Gape fa Botswana a ikala ka mafatshe a mangwe, go santse go le gontsi mo go ka dirwang, go tlhabolola lefatshe le matshelo a Batswana.
Ka jalo, BOPA e ne ya buisana le Batswana ka tse ba di eletsang go ya pele, e le sesupo sa gore Botswana o na le dingwaga a ipusa mme e bile, o gatetse lepe.
Rre Tshepo Kebogane (42), wa kgotla ya Goo-Mabe kwa Molepolole a re Botswana o tsamaile sentle le dipaka mme mo bogompienong go mo Motswaneng mongwe le mongwe go bona gore o ka dira eng se se ka thusang lefatshe go tlhabologa.
Rre Kebogane, yo o berekang e le mookamedi wa McRay Royal Arts, ke motaki yo o dumelang gore bataki ka ene ba tshwanetse go tlhagafalela go ngoka bareki ba mafatshe a mangwe ka go inaakanya le tiriso ya maranyane go tlhabolola dikitso tsa bone le go ipapatsa.
“Mo bogompienong mafatshe jaaka la China a setse a dirisa maranyane a 7G fa mono re santse re dirisa 5G. Re tshwanetse re itshepe e bile re ipaakanye go dira ditlhabololo tse e leng gore Botswana o tlaa fetoga ka ntlha ya tiriso ya maranyane,” Rre Kebogane a kgothatsa.
A re boitsaanape jwa metlha eno ke jwa maemo a a kwa godimo mme Botswana a sa inyatse ka gore o gatetse pele, a fa sekai ka sekapa-ditshwantsho sa lefaufau sa BOTSAT- 1. Rre Kebogane a re se, ke katlego e e tshwanetseng go gwetlha bataki go dirisa maranyane go rekisa Botswana.
“A re simololeng gone fa, re seka ra lelela sepe se se kwa morago mme re lebe kwa pele a bo re bona gore Batswana ba neelwa eng gore ba kgone go dira eng. Nna tota ke batla go bona re tsene kwa dielong tse di kwa godimo tsa mafatshefatshe,” Rre Kebogane a tlhalosa.
Mme Itumeleng Botlhoko (41), wa kgotlana ya Mashadi kwa Thamaga, yo e leng moetelepele wa khamphani ya Seedpod Capital, a re baeteledipele ba tshwanetse go kanoka ditlhabololo segolo jang tse di amanang le botsogo, ditlamelo tsa letsatsi le letsatsi ga mmogo le kgatelopele ya madirelo.
Fa Mme Boniswa Bayani wa kgotlana ya Magokotswane kwa Molepolole a re thuto e remeletse mo go baleng le go kwala, mme seemo seo se baya ka fa mosing dikitso le dineo tsa baithuti ba bangwe.
A re o dumela gore Batswana ke bone teemane ya lefatshe, ka jalo, go ka nna mosola gore go agiwe madirelo a a ka tlhamelang badiragatsi ditiro gore ba itshetse ba bo ba itlhabolole, go lepalepana le metlha eno ya go dira letseno ka maranyane.
Mokapa ditshwantsho e bile e le monni wa Francistown, Rre Brighton Mandevu, (24), a re o eletsa go bona go na le diphetogo mo go tsa tiriso maranyane segolo bogolo Youtube, Tiktok ga mmogo le Facebook. Rre Mandevu a re tiriso ya maranyane mo mafatsheng a mangwe e tsenyetsa badiragatsi madi.
A re jaaka Botswana a tsweletse ka go gola, o eletsa fa tona wa lephata la tsa ditlhaelatsanyo le boranyane a ka tsibogela gore Batswana le bone ba bone dikatso ka bodiragatsi jwa bone mo maranyaneng.
Rre Mandevu a re Batswana ba na le go salela kwa morago mme ba bonela dilo mo mafatsheng a mangwe, a tlatsa ka gore nako e tsile ya gore Botswana a inaakanye le diphetogo tsa go gweba ka maranyane. Mo go tse dingwe, Rre Mandevu a re thuto ya lefatshe leno e siilwe ke nako ka jaana e itebagantse le thuto ya go bala le go kwala fela mme e kgaphela ntle dikitso le di talente.
“Thuto ya rona e remeletse fela mo ditlhakeng, ke eletsa seo se ka okediwa ka go rutuntsha bana mo ditalenteng tsa bone. A re tsenyeng dithuto tse dingwe jaaka go bina, go opela, re di nosetse go tswa kwa moding. Mafatshe a mangwe bana ba ya dikoleng go dira tse e leng ditalente tsa bone mme ba rutuntshiwe mo go tsone,” Rre Mandevu a tlhalosa.
Ntswa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela ngwaga tse masome a marataro le ipusa, Mme Dithapelo Mopaki, (36) a re sebe sa phiri ke gore matshelo a Batswana o ne a saletse kwa morago mme a kopa puso go tsibogela dilelo tsa Batswana di akaretsa ditlhwatlhwa tse di golang thata mo marekisetsong.
“Re kokonelwa ke ditlhwatlhwa tse di tsholetsegang malatsi otlhe, dilo di a tura mme rona dituelo di kwa tlase,” Mme Mopaki a supa.
Mme Mopaki, yo o direlang kwa Francistown, a re nako e tsile gore puso e oketse dituelo tsa babereki, a re mafatshe a gatetse pele ka go duela batho ba bone dituelo tse di ba godisang e seng tse di ba tsenyang mo lehumeng.
O kaile fa dingwaga tse di masome a marataro a go ipusa, di tshwanetse tsa tsamaelana le matshelo a Batswana, go nne ditlhabologo, lehuma le fedisiwe gammogo le borukuthi jo bo bakiwawang ke go sa bereka ga batho.
Rre Victor Gaboutlwelwe, (30) wa Beetsha a re puso e tshwanetse ya oketsa ditirelo tsa setshaba tse di fitlhelwang mo maranyaneng, go khutshwafatsa le go fefosa go thusa setshaba.
A re go dira jalo, go ka dira gore Botswana a lepalepane le mafatshe a mangwe ka bokgoni le go phatlalatsa dithuso tse puso e di neela setshaba mme se, se tlise maduo a a isang lefatshe kwa pele.
Rre Keoleletse Mokgethapula wa Werda a re Botswana o humile diphologolo tse di tswelwang pelo ke mafatshe ka jalo, a re puso e tshwanetse ya tlhabolola bojanala go oka bajanala ba le bantsi go etela mono.
O boletse fa tomagano ya bodiragatsi le bojanala di ka tswela lefatshe leno mosola, mme a kgothatsa Batswana go ipela le go ipelefatsa ka ngwao ya bone, go ngoka batswakwa go tla go ithuta le go akola ditso tsa Botswana.
A re gape go ya pele, puso e tshwanetse ya tlhabolola bojanala ka go aga dikgorwana go duedisa bajanala fa ba tsena kwa mafelong a ditso le bojanala jaaka mafatshe a mangwe ba dira, ka thulaganyo eo gape e ka fokotsa letlhoko la ditiro.
Rre Thembinkosi Mageba (38) le mosadi wa gagwe, Mme Mercy Mageba (35) kwa Palapye ba re lefatshe leno le tshwanetse le itebaganye thata le temo thuo go kabakanya itsholelo ka e le nngwe ya tse Batswana ba e tlhaloganya ebile ba tswa kgakala le yone.
Ba re bontsi jwa Batswana ba na le lefatshe le ba sa le diriseng mme puso e tshwanetse e ba rotloetse ka go dira mananeo a temo thuo a a farologaneng e bile a le bogadi bo gaufi.
Mme Pulane Kelailwe (34) le ene a le kwa Palpaye a re dithuso tsa botsogo di tshwanetse tsa emelwa ka dinao, Botswana a lepalepane le mafatshe a mangwe ka itlamelo tsa botsogo, e seng seemo sa gompieno se melemo e santseng e tlhaela. A re puso gape e tshwanetse go tlhamela Batswana ditiro, ba kgone go itshetsa. BOPA
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Puisanyo
Date : 12 Jan 2026



