Matlolapata maphutha ditshaba
09 Jan 2026
Le fa metshameko ya kgwele ya dinao ya Matlolapata e kgaoganya Mogoditshane ka bogare, maikaelelo ga se go tlisa diphaphang kana go thuba motse, ke tsela e e motia ya go o bopaganya.
Barulaganyi ba Matlolapata ba supa fa kgwele ya dinao e le mmamoratwa ebile e ka dirisiwa go ngokela banni ba Mogoditshane kwa mabaleng a sekole se se potlana sa Solomon Dihutso ka maikalelo a go itlosa bodutu, go agisana le go amogana maele a go lwantsha dikgang tse di tlhorontshang setshaba.
Sengwe se se kgatlhisang ka Matlolapata ke gore ke nngwe ya ditiragalo tse di simolodisang ngwaga kwa Mogoditshane. Monongwaga barulaganyi ba Matlolapata ba ne ba dirisa metshameko go gasa molaetsa wa twantsho kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana.
Ba supile gore kgokgontsho e ama botlhe, go akarediwa ngwana wa mosimane le rre, ka jalo go le botlhokwa go nna seoposengwe go fedisa mekgwa e e ka tsalang kgokgontsho.
Ba re metshameko ya Matlolapata e na le dingwaga di feta masome a mararo e ntse e tshwarwa, mme le fa Mogoditshane e le makgatlhanela thapong, Matlolapata ga a tlhaole ope ka letso kgotsa mmala, mme e bopaganya ditshaba tsa Mogoditshane.
Mongwe wa barulaganyi ba Matlolapata, Rre Kehumile Kgoroba o kaile fa Mogoditshane a gola ka lebelo le le makatsang, se se bake kgolo ya mekgwa e e duleng mo tseleng e e tlhokang go tsibogelwa ke batho ba tshwaraganye.
O nankotse kgokgontsho e le nngwe ya tse di tlhokang go tsibogelwa ka mashetla mme kokoano ya Matlolapata e le botlhokwa go ka dirisiwa go gasa molaetsa ka matshwenyego a setshaba.
Ka Matlolapata a sa bitse ba Mogoditshane fela, melaetsa e e gasiwang kwa metshamekong e, e goroga lefatshe ka bophara. Dikgwebo di tshwana le Orange Botswana, Choppies le Mogoditshane Community Development Trust, di simolotse go tsenya letsogo go rotloetsa metshameko.
“Matlolapata ga se motshameko wa itloso bodutu fela, ke tsela ya go bopaganya le go aga tshaba ya Mogoditshane e nna le boikarabelo jwa go lwantsha dikgoreletsi mo matshelong a batho,” Rre Kgoroba a tlhalosa.
O gakolotse Batswana, e seng banni ba Mogoditshane fela, go ikgapha mo mekgweng e e ka bakang kgokgontsho le go rarabolola dikgotlhang ka go buisana jaaka gotwe ntwa kgolo ke ya molomo’.
Mopalamente wa Mogoditshane Botlhaba, Rre Letlhogonolo ene o kaile fa Matlolapata a dirisiwa gape go rotloetsa bagwebi, selo se se thusang go tokafatsa letseno mo malwapeng.
A re metshameko e tlaa tswelela ka go rotloetsa boitshwaro jo bo eletsegang kwa Mogoditshane mme a kgothatsa bana ba basetsana go inaakanya le metshameko jaaka kgwele ya dinao, ka gore e thusa go sidila maikutlo, itloso bodutu le gore ba seka ba raelesega go dira tse di duleng mo tseleng.
Molemo o mongwe wa metshameko e a re ke gore e na le letseno mme ngwana wa mosetsana fa a inaakantse le yone, o ka fokotsa go ikaega ka wa mosimane gore ke e ne a mo direle sengwe le sengwe, seo se fokotse kgonagalo ya go kgokgontshiwa.
Mogoditshane ka metshameko e, o itshupile gore o ka amogela bajanala ka dipalo tse di kwa godimo, le gore metshameko e, e ka dirisiwa e le bojanala le go godisa serodumo sa motse.
Leloko la Mogoditshane Community Development Trust, Rre Norman Molefe o kaile fa mokgatlho wa bone e le bontlha bongwe jwa Mogoditshane mme ke sone se ba tshwaraganeng le ba Matlolapata go tsibogela dikgwetlho tsa setshaba.
A re maikaelelo a Mogoditshane Community Development Trust ke go tokafatsa matshelo a setshaba.
Mme Getrude Seambala, mongwe wa batshameki a tswa mo setlhopheng sa Mogoditshane Bophirima o supile ga go itumedisa go bona ba Matlolapata ba dirisa bokopano jo go tsibogela dikgwetlho tse di golelang pele mo setshabeng.
“Fa ke lebeletse boidiidi jo bo kokoanyeng fa, ga ke na pelaelo ya gore molaetsa wa twantsho kgokgontsho o gorogile ka jalo, ke solofela re tsena mo ngwageng o mosha re fetogile ebile re itlamile go emisa kgokgontsho,” Mme Seambala a supa. BOPA
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mogoditshane
Event : Kgaisano
Date : 09 Jan 2026



