Mapodise ba ganetsa magatwe a Facebook
09 Jan 2026
Mookamela mapodisi kwa Middlepits, Superintendent Kebadire Mmopi o gakolotse setshaba go ikgapha mo tirong botlhwaswa ya Facebook.
Se se tla morago ga gore bangwe ba bege fa mosetsana mongwe yo o sa leng a nyeletse kwa Middlepits ngogola Sedimonthole a le lesome le bosupa, a bonwe a tlhokafetse.
Supt Mmopi a re dipego tsa mofuta o, ga di a siama ka di kgobera le go gogomosa batsadi le ba masika maikutlo, bogolo jang ka ngwana wa bone a sa ntse a ise a bonwe.
O kaile fa ba sepodisi kwa Middlepits ba boloditse letsholo go batla ngwana yoo, wa dingwaga tse di lesome le boferabedi mme dipego tse, di sena boammaruri. BOPA
Source : BOPA
Author : Catherine Simane
Location : Middlepits
Event : Potsolotso
Date : 09 Jan 2026



