Monna o fitlhetswe a tlhokafetse kwa Mmathethe
28 Dec 2025
Mookamela mapodise a Good Hope Rre Mogomotsi Mathaba a re fa e sale malatsi a boitapoloso a simologa ba setse ba kwadisitse leso le le lengwe.
Rre Mathaba a re moswi o tlholega kwa Mmathethe mo kgotleng ya mathiba.
O supile fa ditlhotlhomiso di supile gore moswi, hoo ngwaga tse masome a mane le botlhano, o ne a tlhoka kutlwisisano le mongwe Sedimonthole a le masome a mabedi le boraro, mme a felela a iteilwe ka legong.
A re moswi o ne a seka a begela mapodise ka kgang eo mme e ne ya re morago ga malatsi a le mararo, baagisanyi ba ba neng ba ile go mo tlhola ba fitlhela a tlhokafetse.
Rre Mathaba o supile fa ba tshwere mmelaelwa yoo dingwaga tse masome a mararo a le bongwe.
Rre Mathaba o supile fa ba le mo thulaganyong ya go isa moswi kwa go bo maitseanape go tlhotlhomisa gore o ka tswa a bolailwe ke eng.
Mo go tse dingwe, ramapodise o supile fa ba tshegeditse mme mongwe mabapi le go gobatsa mokapelo wa gagwe wa dingwaga tse masome mabedi le borefabongwe ka thipa ya modiro wa okapi.
A re go lebega bobedi joo, jo bo tlholegang kwa Tsoaneng bo nnile le tlhoko kutlwisisano ka letsatsi la keresemose.
"Go lebega fa e rile ka di 26 ba kopana kwa bareng mme mmelaelwa a felela a tlhabile mokapelo wa gagwe mo mafatlheng".
Superintendent Mathaba o supile fa rre yoo a sidilega kwa sepateleng sa Good Hope.
Rre Mathaba a re mo kgaolong ya gagwe ba tshwenngwa ke banni ba Mmathethe ka gore ba kgona go gobatsana mo go ka na ba bolaana.
O kopile Batswana go ikgokaganya le mapodise fa ba tlhoka kutlwisisanyo gona le go itseela molao mo matsogong go itsa dintwa tse dika ba bakelang mathata ago bolaana kana go gobatsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Goodhope
Event : Potsolotso
Date : 28 Dec 2025



