Nnang le seabe sa go kganela kanamo ya tlhako le molomo
23 Dec 2025
Banni ba Malolwane mo kgaolong ya Kgatleng ba kgothaditswe go tsibogela seemo sepe se se ka anamisang bolwetse jwa tlhako le molomo.
Motshwarelela mookamedi wa lephata la matlhoko a leruo, Dr Kobedi Segale o buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng, a lekodisa banni ka go tlhagoga ga bolwetse jwa tlhako le molomo kwa Aferika Borwa.
A re go botlhokwa gore barui le banni ba metse e gaufi le molelwane wa Botswana le Aferika Borwa ba nne seopo sengwe, mme ba dire bojotlhe go thibela bolwetse jwa tlhako le molomo.
Dr Segale a re kgaolo ya Limpopo kwa Aferika Borwa ke nngwe ya tse di amilweng ke bolwetse jo, ka jalo go botlhokwa gore barui ba Kgatleng ba nne podi matseba ka e le gaufi le bone.
A re ba tlhomamise gore bolwetse ga bo anamele mo Botswana ka jalo ba tlhatlhele le go disa leruo la bone.
Dr Segale a re kgaolo ya Bobirwa, ke nngwe ya tse di tlhorontshiwang ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme a re barui ba kgaolo eo ba dirile mephato ee disang leruo gore le seka la tshela molelwane, ka jaana Zimbabwe a tshwenngwa ke bolwetse jo.
Ka jalo o rotloeditse barui ba Kgatleng go tsaya maele mo go se se dirwang ke ba kgaolo ya Bobirwa, a re go dira jalo go ka thusa thata gore ba kgone go lwantsha borukuthi le sepe se se ka anamisang bolwetse.
Dr Segale a re puso e tsweletse ka go aga terata mo molelwaneng wa Botswana le Aferika Borwa, mme sekgoreletsi sa gore e wele go akaretsa le kgaolo ya Kgatleng ke tlhaelo ya madi.
A re dikai tsa bolwetse joo, di akaretsa go latlhegelwa ke keletso ya phulo, diso mo ditlhakong le mo molomong wa seruiwa, ka jalo a itsise ba matlhoko a leruo ka gore bolwetse jo bo anama ka bofefo.
Barui gape ba gakolotswe go isa leruo go tlhatlhobiwa, fa ba ba bona dikai tse belaetsang kana ba kopiwa go dira jalo.
Dr Segale a re seruiwa fa se ka kgabaganyetsa kwa Aferika Borwa se a bolawa, fa e le kgomo, morui o atswiwa ka P700, podi yone ke P200. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Dec 2025


