Breaking News

Keikalame o rotloetsa tshomarelo ngwao

18 Dec 2025

Go dira ka diatla ke selo se se gaufi thata le pelo ya ga Mme Mavis Keikelame, yo o dirang dilwana tsa setso di akaretsa dikika, sego, ditlatlana le tse dingwe ka go farologana.
Mme Keikelame, yo gape a dirang mekgabisa ya mo lwapeng ka mateise, o tlhalositse fa a gwetlhilwe go dira tiro e ke ngwao ya Setswana.
Fa a bua mo potsolosong, a re lengwe la mabaka a a dirileng gore a tswelele ka go dira dilwana tsego simolola ka ngwaga wa 2018, ke gore bana ba ba tswang kwa tlase ba tle ba itse ka tsone, ka jaana di setse di le boutsana.
“Dilwana di tshwana di kika, ditlatla le sego di ne di tlwaelesigile thata bogologolo, malatsi a di ntse di a hokotsega, mme di ka ba fa sebaka sa go bona gore di ne di ntse jang,” ga tlhalosa Mme Keikelame yo tlholegang kwa Mogorosi mme a nna mo toropong ya Francistown.
E re jaaka Mme Keikelame a dira dilwana tse ka lorato le bokgabane, o kaile fa go na le dipoelo, ka jaana Batswana ba di kgatlhegela e bile ba di reka.
A re o ne a di tsenya mo marekisetsong ka ngwaga wa 2020, a simolotse ka go di bapatsa, mme tsa supa fa di na le theko e e botoka fela thata.
E re ka jaana dikgwebo di tshabelelwa ke dikgwetlho, Mme Keikelame o kaile fa a ithutile go tshela le tsone, a tlhalosa gore go nna boutsana ga bareki nako dingwe e le gone mo go tshwenyang.
O ne a supa fa a dirisa maranyane go ipapatsa gore dilwana tsa gagwe di bonwe ke batho ka go farologana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 18 Dec 2025