Ba Tsabong ba ikanya thapelo
18 Dec 2025
Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Monnathebe Mphela a re ba rulagantse merapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela ba itebagantse le malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha.
Supt Mphela o boletse se mo potsolosong le BOPA a tlhalosa fa merapleo e tlaa simolola ka nako ya borataro mo mosong e eteletswe pele ke lekgotla la baruti mo kgaolong ya Tsabong le ba-tsaya-karolo ba bangwe ba akaretsa ba komiti ya ipabalelo tseleng, lephata la dipalamo, ba sesole, ba ofisi ya ga molaodi, khansele, maphata a puso a a farologanyeng le setshaba ka kakaretso.
Mookamela mapodisi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba bone go le botlhokwa go gopola Ramasedi ka dithapelo gore go tle go nne le kagiso le thokgamo mo ditseleng ga mmogo le go rapela kgatlhanong le borukutlhi.
A re baruti ba tlaa bo ba rapedisa matshwanyego a a farologanyeng mo kgaolong ya gagwe a akaretsa dipolaano, kgokgontsho ya bong le dipetelelo.
O boletse fa ba tlaa bo ba rapedisa tshireletsego mo ditseleng tse pedi tse di akaretsang tsela e e tswang mo Tsabong go fitlha Sekoma ya B20, le e e tswang mo Tsabong go ya Bokspits ya B211.
Sup Mphela o ne a supa fa ba setse ba simolotse letsholo la bone e le mapodisi a pharakano mo ditseleng go simolola kgwedi eno e le lesome le botlhano mme letsholo le tlaa tswelela go fitlha ngwaga o tlang kgwedi ya Firikgong e le malatsi a le matlhano.
O ne a supa fa ba setse ba itemogetse fa bakgweetsi bangwe ba kgweetsa ba itontetse majalwa bogolo jang ba ba lalang ba kalotse matlho mo maitisong.
Sup Mphela o ne a tswelela ka go tlhalosa fa bosheng ba setse ba gatisitse kgetsi e le nngwe e mokgweetsi a neng a amega mo kotsing ya tsela mme ga nna le dikgobalo mo maphakeleng ba tswa teng kwa maitisong gone mo motseng wa Tsabong.
O ne a supa fa e le mapodisi ba ne ba emela seemo se ka dinao go iponatsa ka nako tsotlhe gaufi le mafelo o itloso bodutu a a bulwang bosigo jotlhe.
Lefa go ntse jalo,Sup Mphela o ne a eleletsa banni ba kgaolo ya gagwe le setshaba ka kakaretso masego le matlhogonolo a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 18 Dec 2025


