Mosekisiwa O Iteile Se Fololetse
17 Dec 2025
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro wa Gumare, yo a lebisitsweng molato wa polao ya legolegwa o tlaa tswelela a tshegeditswe kwa kgolegelong.
Se se tla morago ga gore kopo ya mosekisiwa, Ogona Tlhabologang, ya go emela tsheko a le kwa ntle e seka ya atlega ka Laboraro, jaaka fa mmakaseterata wa kgotlatshekelo kwa Lobatse, Mme Rebecca Motsamai a ne a tsaya tshwetso ya gore a tswelele a tshegeditswe kwa kgolegelong go fitlhelela ba bosekisi ba wetsa tiro ya bone.
Tlhabologang o tshegeditswe mabapi le polao ya legolegwa le lengwe la dingwaga tse di masome a mararo le bongwe, yo a neng a tlholega kwa Zimbabwe, mme a fitlhelwa a tlhokafetse ka nako ya fa bobedi joo bo ne bo isitswe kwa kokelong ya Sbrana Psychiatric Hospital, kgwedi ya Motsheganong monongwaga. Bobedi jo, bo ne bo robaditswe mo kamoreng ele nngwe.
Banna bao, ba ne ba isitswe kwa kokelong eo go tswa kwa kgolegelong ya Maun, mme ba ne ba ile go tlhatlhobiwa tlhaloganyo go thusa ba bosekisi go ntsha dikatlholo tse di maleba mabapi le dikgetsi tse ba neng ba di lebisitswe tsa dipolao tsa batho tse di masisi tse di sa tlwaelesegang.
Fa a sedimosetsa lekgotla gore kgang eo e tsamaya fa kae, mosekisi Rre Modibedi Tladi o supile fa ditlhotlhomiso di setse di ile motsubong mme go setse fela gore motlhotlhomisi wa kgang a rolele ba bosekisi masupi otlhe le mekwalo yotlhe gore kgang eo e pegiwe, e neelwe baatlhodi ba kgotla kgolo.
Godimo ga seo, Rre Tladi o ne a rolela lekgotla gore motlhotlhomisi wa kgang eo, o sa tswa go tlogela tiro ka bogodi bosheng ka jalo dithulaganyo di tsweletse go bona gore kgetsi eo e rolelwa motlhotlhomisi yo mongwe go e tsweledisa.
Mmakaseterata o ne a laola mosekisiwa gore a iponagatse mo lekgotleng gape kgwedi ya Firikgong e le masome a mabedi le boraro ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Tsheko
Date : 17 Dec 2025


