Breaking News

Makhanselara a kopa gore Xuoxau a lemogiwe

17 Dec 2025

E re ka puso e rotloetsa gore Batswana ba tshwanetse ba akola ditlamelo ka tekatekano go sena kgethololo, makhanselara mangwe a kgaolo ya bokone bophirma a kopile gore Xuoxau a lemogiwe ka fa molaong jaaka motse.
Motsana o, o fitlhelwa mo makgobokgobong a Okavango mme o wela mo kgaolwaneng ya bokhanselara ya Bojanala e e okametseng metsana yotlhe e e sa lemogiwang mme seo se rontsha banni go akola ditlamelo tse di maleba jaaka Batswana ba bangwe.
Fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, bangwe ba makhanselara ba ne ba dumalana gore motsana wa Xuoxau bogolo o lemogiwe gore banni ba metsana e mengwe ba kgone go akola ditlamelo bogaufi . Ba re maiteko a, ga se a ntlha ka gore ka ngwaga wa 2017 ba ne ba kopela motsana wa Ditshiping go lemogiwa, mme ba seka ba tswa tema.
Bogogi bo bone go tshwanela gore bogolo ba lekele motsana wa Xuoxau ka jaana o le gaufi le Maun. Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Monopane Monamanga a re go ka nna motlhofo gore Xuoxau a lemogiwe ka jaana motsana oo o na le kgosana ya tetlanyo e e duelwang ke puso.
Go tlhatlosa motsana oo, a re go ka atumetsa ditlamelo kwa bathong ba metsana e e mabapi jaaka Daunara le Xharaxao. A re fa kopo e ka atlega e tlaabo e le kgatelo pele e tona ka jaana metse yotlhe e a e emetseng go sena ope yo o lemogiwang jjaka motse.
O ne gape a lebogela maiteko a go lwantsha setlhatshana sa Mochimambo se se anameng mo makgobokgobong e bile se kgoreletsa le motsamao wa metsi.
A re go a itumedisa go bona dikompone di tsaya karolo mo go lwantsheng setlhatshana seo go fokotsa manokonoko a sone.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Botshabelo/Shashe, Rre Keakgoletswe Bokhutlo ene o ne a lebogela maiteko a khansele a go itsalanya le mafatshe a mangwe jaaka China a re lefatshe leo ke lengwe le ba ka anyang go le gontsi mo go lone bogolo jang mo mohameng wa tsa thuto le bojanala.
Le fa go ntse jalo, o ne a kopa ba ba maleba go tsibogela seemo kwa kgaolwaneng ya Botshabelo kwa banni bangwe batlaa fudusetswang teng a supa fa lefatshe leo le tshabelelwa ke morwalela.
E re ka dipula di tsweletse ka go tshologa mo kgaolong, Rre Bokhutlo o kaile fa malwapa mangwe a setse a apesitswe ke metsi e bile metsamao ya banni e kgoreletsega.
“Seemo se se batla go tsibogelwa ka bofefo pele ga se bifela pele. Tota lefatshe le lesikileng go fudusetsa banni ga le a babalesega ka jalo ke kopa ba ba maleba go tsaya kgato go ise go nne le tshenyo e tona,” a tlatsa jalo.
Mokhanselara wa Toteng, Rre Petrus Mbaeva o ne a kopa ba sepodisi go bula ofisi kwa Toteng a supa fa motse o godile e bile o aparetswe ke bogodu.
A re fa ofisi e le gaufi, o dumela gore seemo se ka tokafala ka jaana banni ba tlaa bona ditlamelo gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 17 Dec 2025